Breaking News

Oboneng mmetli wa popota

13 Nov 2024

Rre Chipidi Oboneng (63) yo o itsegeng ka go betla kwa Otse go bapa le Shoshong, o dira dikika, metshe, makuka, ditilo, dintshwana le diphologolo ka mefuta.

A re mo dinakong tse dingwe, o kgona go tswa ka sengwe se a iseng a se dire, e le kopo ya mongwe mme gape e le thuto mo go ene.

A re o  rekisetsa banni ba motse le beng ba dikgwebo dingwe tsa dilo tse a di betlileng, fa tse dingwe a a di rekisa kwa ntle ga Shoshong.

Rre Oboneng a re sengwe se se kgobang marapo ke gore bangwe ba felela ba reka ka madi a a kwa tlase bogolo jang ba ba mo motseng ntateng ya letlhoko la madi.

Fa a bua ka leeto la gagwe la go betla, a re o ithutile a sale  monnye a le kwa madisong, a rutiwa ke mongwe wa bagolo kwa Shoshong.

Go le pele a re o ne a tlhokomelela batho dikgomo mme a ntse a tshwere a betla.

Dingwe tsa ditlhare tse a di dirisang ke tsa morula, mosetlha le motswere, mme mo dinakong tse dingwe o dirisa motlopi. Setlhare sa morula, o tlhalosa fa se le thata .

Rre Oboneng a re o dirisa selepe go rema ditlhare a tlhalosa fa a felela a tsaya nako e ntsi.

Ka jalo a re o tlhokana le didirisiwa tsa segompieno go mo tlhofofaletsa tiro, ka nako tse dingwe o kgona go tsaya malatsi a rema setlhare.

Rre Oboneng a re ga a ise a kope dithuso gope mme o ikaelela go iteka mo mananeong a a teng a puso gore a thusiwe ka didirisiwa.

A re o dumela gore o tshwanetse go arogana le ba bangwe kitso ya go betla mme o setse a dira jalo ka setlogolo sa gagwe, Rre Selelo Moitlhobogi yo dingwaga di masome a mararo le botlhano.

Rre Moitlhobogi a re o dumela fa go ithuta mo go malomaagwe go tlaa mo thusa go anya thuto e a ka sekeng a e tseelwe  ke ope e bile a ka itshetsa ka yone mme a supa fa a ise a nne le bothata jwa go ithuta go betla ka a ne a dira dithuto tsa diatla (design and technology) kwa dithutong tsa gagwe tsa lekwalo la ntlha go fitlhelela kwa go la boraro (Form 1 to Form 3,) le a feletseng kwa go lone.

O supile fa a leboga malomaagwe go go mo fa  ka kitso e a tlaa itshetsang ka yone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : OTSE

Event : Potsolotso

Date : 13 Nov 2024