Kgosi o bolotsa letsema
12 Nov 2024
Kgosi Merapelo Tshweneyagae a re o na le tshepo ya gore morafe wa gagwe o na le kgatlhego ya go tlhabolola le go godisa seemo sa temo mo kgaolong.
Kgosi Tshweneyagae o buile se fa a bolotsa letsema bosheng, a supa fa a lebogela dipalo tsa balemi ba ba atlileng mokgosi wa pitso ya go bolotsa letsema.
“Dipalo tsa lona, di supa fa re nyoretswe temo. Ke na le tshepo le tumelo ya gore re tlaa lema ka monongwaga e bile go tlaa nna le thobo e e nametsang,” Kgosi Tshweneyagae a tlhalosa.
Mogolwane wa ofisi ya balemisi, Rre Collen Mmereki o gakololse balemi go lema dinawa ka di dira sentle mo kgaolong.
“Ke kopa gore le itebaganye le tsone ka dintsha maduo a mantle mo kgaolong ya rona,” a bo a kopa balemi go ya go ikwadisetsa lenaneo la Temo-Letlotlo, a supa fa thulaganyo ya go ntsha dithuso tsa lenaneo e setse e simolotse.
Kgosi Tshweneyagae o gakolotse balemi gore fa ba kopa lenaneo, ba tsenye tsotlhe tse di tlhokafalang gore ba kgone go dira thulaganyo e e tletseng ya go baakanyetsa temo jaaka go pitikolola mmu, go ega, go tsenya peo, madi a diji le menontshane le go photha tota.
Rre Mmereki o tlhalositse fa ngwaga oo fitileng balemi ba ne ba sa lema ka dipalo tse dintsi ka ntlha ya ketsaetsego ya balemi e e neng e dirwa ke lenaneo le neng le sa tswa go ribololwa la Temo Letlotlo.
O supile gore ka ngwaga oo, go ne ga thusiwa batho ba le 171, a supa fa dipalo di ne di ile tlase fa go tshwantshanngwa le 269 ee neng e kwadisitswe ka 2022.
A re se, se ne sa bakiwa ke gore bontsi bone bo sa atlega gore ba ka thusiwa mahala mme go tlhokafala gore ba kope go thusiwa ka sekoloto.
Rre Mmereki o supile fa balemi ba tshaba go tsaya sekoloto ka thulaganyo ya lenaneo la Temo Letlotlo mme a gakolola gore ba seka ba tshaba, ka gona le dipoelo.
Molaodi wa kgaolo, Mme Veronica Rabakane o gakolotse balemi go dirisa Temo Letlotlo go ba thusa.
O ba kopile go bua le bana ba bone gore ba ba thuse go reka didirisiwa tsa temo, a supa fa go santse gona le tlhaelo e ntsi ya diterekere.
“Buang le bana ba lona ba le eme nokeng gore le kgone go reka didirisiwa tsa temo. Go tlhokafala gore le bone ba ithute ka temo re leke ka thata go lema ka tlhoafalo.
Mme Rabakane o kopile morafe go dira ditshupo tsa temo thuo mo kgaolong.
“Ke kopa gore re ikitee ka thupana, rele badirela puso re tlaa nna teng go le ema nokeng,” Mme Rabakane a tlhalosa a bo a supa fa gona le kgatelopele ka e bile lefelo la ditshupo le le teng, a gakolola gore go tlhokafala fela go ikemela ka dinao gore ba kgone go dira jaaka go tlhokafala.
“A re tshwaraganeng re itirele bontle. Puso e ikemiseditse go le rotloetsa, le go le ema nokeng gore le kgone go filthelela dithulaganyo tsa go nna jaana.
Rre Keoleboge Molosiwa go tswa kwa ofising ya tepo loapi kwa Hukuntsi o supile fa ba solofetse pula tse di namagadi mo pakeng ya temo ya monongwaga a supa fa mme kgaolo e tlaa tswelela e le mogote, ka e tshabelelwa ke mogote o o feteletseng.
“Re solofetse paka e e bokgola go na le ya ngwaga o o fitileng,” Rre Molosiwa a supa. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Thuso Kgakatsi
Location : Hukuntsi
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 12 Nov 2024