Ikgopoleng o tlaa tsaya maemo a gagwe a bogosi
11 Nov 2024
Kgosi Lotlaamoreng II wa Barolong o ne a etetse banni ba Cwaanyaneng bosheng go ba lekodisa ka bogosi jwa bone.
Kgosi o boleletse banni ba Cwaanyaneng mo phuthegong ya kgotla gore jaaka ba ntse ba itse fa Kgosi Hebert Ikgopoleng e le kgosi ya motse wa bone, o ne a tshwareletse mogolowe e bong Kgosi Leabua Ikgopoleng ka a ne a santse a tshwerwe ke tiro e nngwe.
Ka jalo, Kgosi Lotlaamoreng II o boletse gore Kgosi Leabua Ikgopoleng o tlaa tsaya maemo a gagwe a bogosi kgwedi ya Sedimonthole e tlhola malatsi a le masome a mararo le bongwe monongwaga.
O tsweletse a bolela gore neelano eo ba e buile pele le batsadi ba bone morago ba tla go mmolelela gore mong wa setilo o tsile ka jalo ba dumalana go se mo neela.
O ne a tlatsa ka gore o ne a bona a tshwanelwa ke gore a tle go lekodisa morafe ka kgang e.
Kgosi Lotlaamoreng II o tsweletse a tlhalosa gore Kgosi Tekanyo Ikgopoleng ke modisa yo o molemo ka a ntse a tlhokometse letsomane la gagwe ka bopelotelele, a tlatsa ka gore tsholofelo ke gore o tlaa tswelela a bereka sentle le mogolowe.
Monni, Rre Nonofo Motlhabane o lebogetse mafoko a mantle a kgosi kgolo a neng a baa tsholetse a ba a supa fa ba amogela kgosi ya bone Kgosi Leabua Ikgopoleng.
A re ba solofetse fa a tsile go bereka le bone sentle ka botswapelo, a tlatsa ka gore ba solofela a ithutile tse dintsi mo go yo o neng a mo tshwareletse.
Mme Annah Mathola ene o boletse gore ba amogela kgosi ka diatla tsoo pedi, a re a tsweledise mme a goge morafe, a o supegetse tsela.A re kgosi o ka kgona tsotlhe fa a kopa botlhale mo Modimong gore go nne le kagiso.
Fa a akgela Rre Puso Mogaladi ene o supile fa ba amogela Kgosi Leabua Ikgopoleng , mme a leboga Kgosi Hebert Ikgopoleng yo o ba gogileng ka botswapelo le bonatla. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : LOBATSE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 11 Nov 2024