Fokotsang tiriso ya maranyane mo baneng
11 Nov 2024
Moitsanape wa tlhaloganyo Mme Sophie Mokute a re le fa tiriso ya maranyane e tsile ka tse dintle, e na le dikgwetlho di le mmalwa tse di amang go gola ga bana.
Mo potsolosong le BOPA bosheng, Mme Mokute o tlhalositse fa go ka nna molemo fa lefathe leno le ka tsenya mo tirisong molao o o itsang bana ba ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le borataro go dirisa maranyane, e le go babalela matshelo a bone mo go tse di bosula tse di diragalang mo maranyaneng.
Se se tla morago ga gore puso ya Australia e supe fa e tlaa simolodisa molao o o itsang bana go dirisa maranyane a social media.
Mme Mokute o tlhalositse fa social media e le tswelelo pele e e siameng mme a gatelela gore go botlhokwa gore batsadi ba nne le taolo ya ka fa bana ba e dirisang ka teng.
A re go le gantsi batsadi ba letlelela bana go dirisa social media, go rata le go kgona, a tlatsa ka gore bangwe bana ba godisiwa ke social media mo ba ithutang boitshwaro jo bo sa siamang mo go yone.
O gateletse gore bana ba tshwanetse ba laolelwe tiriso ka go tlhoka go dira jalo ba ka e didirisa bosigo le motshegare mme seo se ame kgolo ya bone.
Mme Makute o kopile batsadi go boela kwa marakanelong a ditsela fa go tla mo kgodisong ya bana, a re ba letlelele bana go tshameka le balekane ba bone, go tsaya dikgang le bone ga mmogo le go bala dibuka go na le go tlhola ba lebeletse masaitseweng a maranyane.
O ne gape a re tiriso ya social media e a lematsa mme ngwana a nne fela mo go yone a sa dire sepe se se tlaa mo sologelang mosola, a tlatsa ka gore bangwe ba felela ba lebelela tse di sa ba tshwanelang.
Mme Mokute o kopile batsadi gore ba se letlelele tiriso ya maranyane mo baneng, gore fa go tlhokafala, ba ba laolele tiriso, e seng gore ngwana a tsoga a bo a simolola tiriso ya social media, a ja a lebeletse maranyane a bo a tlhola mo go yone.
O ne a re sengwe sa ditlamorago tsa tiriso ya social media, ke gore bana ba gola ba na le mathata a matlho, ka gore ba nna ba lebeletse fela, bangwe ditsebe di amiwa ke modumo o montsi ka didirisiwa tsa ditsebe.
O ne a re bana ba ba dirisang maranyane phetelela ba tshabelelwa ke go nna le molala o botlhoko ka ba nna ba iname fela, a tlatsa ka gore ga ba reetse sentle ka tlhaloganyo tsa bone di mo go se ba se lebelelang thata, mme ka moo ba tlhoke go dira sentle le kwa sekoleng.
“Ngwana o akantse go supa senepe sa gagwe ko tiktock, o akantse go feleletsa motshameko o nneng a a o tlogetse mo mosong, o akantse dipopae tse a nnang a dilebeleltse, o bata go tsweledisa” ga bua Mme Mokute, ka jalo o ne a gakolola botsadi gore ba ilele bana ka tsa maranyane.
O ne a re bana bangwe ba kopana le bangwe mo maranyaneng, ba ba ba batlang marato le merobalo, ba ba buang le bone dilo tse di sa siamang, ba ba bolaya maikutlo, a tlatsa ka gore bana ba ba dirisang social media ba kgona go tsenelela dilo tse di maswe e se ka maikaelo.
O ne a kopa batsadi go godisa bana sentle, ba ba rekele bo mpopi, ba barute tsa botshelo, ba loge, ba roke, ba tshameke, ba nne le ditsala go na le go itswalela ba le nosi koo.
Mme Mokute o ne a kopa batsadi go fokotsa tiriso ya social media mo baneng, a re gongwe ga ngwefela mo bekeng, a tlatsa ka go rotloetsa batsadi gore le bone ba fokotse tiriso ya maranyane, e le go sireletsa bana bogolo jang ka gore bana ba ithuta ka go lebelela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lesedi Thatayamodimo
Location : GABORONE
Event : Potsolotso
Date : 11 Nov 2024