Breaking News

Modulasetilo o rera tshwaragano

11 Nov 2024

Modulasetilo wa Botswana Cooperative Association (BOCA), Rre Thatayotlhe Mpule a re ditlhopho tsa khuduthamaga ya lekgotla di tlaa tshwarwa ngwaga o o tlang.

Rre Mpule o buile se kwa bokopanong jwa dikoporase, jwa malatsi a mararo jo bo sa tswang go wela, jo bo neng bo tshwaretswe kwa Maun.

Bokopano jo, bo ne bo phuthile bogogi jwa dikoporase go ralala Botswana, go tla go itsaya motlhala le go amogana maele go baakanya fa bogogi bo sa gateng sentle teng.

Rre Mpule o boletse fa khuduthamaga ya gompieno e sa ganelele mo maemong mme go nnile le ditshwarego go ka bitsa pitso ya go tlhopha e ntsha.

O lebogile bogogi jwa dikoporase go bo bo tshwere ka thata go netefatsa gore dikoporase tsa bone ga di phutlhame mme a gatelela botlhokwa jwa go dira ba le seoposengwe gore ba age dikoporase tsa motia tse di tlaa tokafatsang matshelo a maloko.

A re o lemogile fa bontsi jwa dikoporase bo batla go dira ka bongwe ka bongwe mme seo se ka seke sa ba isa gope ka go le botlhokwa go emana nokeng.

Rre Mpule a re fa ba dira mmogo ka mowa o le mongwefela, ba ka kgona go rarabolola dikgwetlho tse di ba emeng pele go godisa dikoporase tsa bone.

A re dikoporase dingwe di setse di itshetletse fa dingwe e le gone di tsosolosiwang mme a gatelela botlhokwa jwa gore tse di itsetsepetseng di eme nokeng tse di magorogo masha.

“Re le dikoporase moono wa rona o mongwefela, ke go dira mmogo go tlhabolola matshelo a maloko a rona. Ka jalo, go botlhoka gore re dirisane gore re fitlhelele maikaelelo a rona,” Rre Mpule a tlhalosa.

O supile fa lekgotla la BOCA le le malala a laotswe go ba thusa go tsamaisa dikoporase botoka, ka go ba rutuntsha ka ditsamaiso tse di maleba.

Bangwe ba ba-tsena bokopano ba lebogile BOCA go bo e ba phuthile go tla go itshekatsheka le go ba tlhatlhalela ka tsamaiso ya dikoporase.

Ba ne ba dumalana ka bongwefela jwa pelo gore go dira mmogo ke konokono mo go goleng ga dikoporase, ba supa fa dingwe di gatetse pele fa dingwe di santse di reketla mo tsamaisong.

Rre Lekopanye Tladi go tswa kwa koporaseng ya Poloko SACCOS ya Botswana Open University, o boletse fa ba tlhoka kemonokeng ka jaana ba le magorogo masha.

O lebogetse thuto e ba e filweng mo bokopanong joo a re e tlaa ba bula matlho mme a kopa lekgotla la BOCA go tswelela ka dithuto, go godisa le go tokafatsa ka fa bogogi jwa dikoporase bo dirang dilo ka teng.

Mr Cosmos Moatlhodi go tswa kwa Orapa SACCOS le ene o ne a gatelela botlhokwa jwa gore dikoporase tse di gatetseng pele di thuse tse di kwa tlase, a re ga go a tshwanela go bona e kare dikoporase di a phadisanya ka maikaelelo a tsone a mangwe fela.

A re dingwe di dira ka madi fa dingwe di na le dithoto mme di ka buisanya gore di ka dirisanaya jang go ikgodisa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : Khuduthamaga

Date : 11 Nov 2024