Mapodisi a tsibosa ka bogodu jwa dikoloi
10 Nov 2024
Mookamela sepodisi sa Masunga Superintendent Raymond Gabothulwe o tlhagisa setshaba kgatlhanong le magodu a dikoloi a a reng a a bo a simolotse mokgwa mo kgaolong ya Bokone Botlhaba.
Supt. Gabothulwe o tlhalositse mo potsolotsong gore e ne ya re ka Labobedi wa beke e e fetileng morago ga nako ya bosupa ka lotlatlana, mme mongwe wa dingwaga tse di masome mararo le bosupa yo o kgweetsang koloi ya setshaba a tlhaselwa ke dilalome tse pedi tse di sa itseweng.
Mookamela ofisi ya mapodisi a re mme yoo o tlhalositse fa borre bao ba ne ba mo kopa gore a ba ise kwa kokelong ya Masunga kwa e rileng ba goroga teng ba kopa gore a seka a tsena mo teng mme a ba folose fa dimausung tse di gaufi le kokelo.
A re borre bao ba ne ba mo tshosetsa ka sengwe se se lebegang jaaka tlhobotswana mme ba mo pateletsa go tsena kwa go bewang dithoto teng kwa morago ga koloi.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba mo tsenya kwa setilong se se kwa morago sa koloi eo ya modiro wa Honda Fit mme ba kgweetsa ba tsamaya le ene ba mo supile ka sengwe se se lebegang jaaka tlhobotswana.
“Yo mongwe wa banna bao o ne a kgweetsa koloi fa yo mongwe a ne a ntse kwa morago le mosadi yoo a ntse a mo supile ka mo go lebegang jaaka tlhobolo,” ga rialo Supt. Gabothulwe.
O ne a tswelela a tlhalosa fa ba ne ba kgweetsa ka tsela e e yang kwa Zwenshambe mme ba fetela kwa Nlaphkwane mme ba mo tlogela fa gare ga metse e mebedi eo fa go bidiwang Malobela mme ba inaya naga ka koloi ya gagwe.
Supt. Gabothulwe o ne a tlhalosa fa ka bofefo go ne ga goroga koloi e e rwalang balwetse ya kokelwana ya Nlaphkwane e e neng ya mo tswa thuso dilalome tseo di ise di tsamaele kgakala le pono ya bone.
A re ka bofefo ba ne ba ikgolaganya le mapodisi a a neng a kgona go latedisa koloi eo a na le ba ba mo koloing e e rwalang balwetse mme ba fitlhela e phuagantswe kwa Jakalas 1.
O ne a leboga go menaganye bodiredi jwa kokelwana eo go bo ba ne ba tswa mme yoo thuso mme ba tswelele ka go thusa sepodisi mo patlong ya dilalome.
A re sepodisi ga se kake sa kgona go dira tiro ya go tshwana le eo ba le bosi, ka jalo ba tlhoka tirisanyo le setshaba go ka fenya borukutlhi.
“Ba kokelwana ya Nlaphkwane ba supile lorato le bopelotlhomogi ka go sireletsa botshelo jwa mme yo,” ga rialo Supt. Gabothulwe a tlatsa ka go re ba ne ba ikgolaganya le mapodisi ka bofefo mme ba kgona go bona koloi eo ba bo ba e sala morago.
A re mo koloing eo, go ne go na le megala ya letheka e le mebedi wa Samsung le wa Orange tse di akanyediwang madi a a fetang P2 000.
Supt. Gabothulwe o ne a supa fa dilalome tseo di sa gobatsa mme yoo mme mapodisi a santse a le mo letsomong la tsone.
A re go ne go setse go fetile ngwaga le sephatlo go se na kutlwedi ya magodu a dikoloi mo kgaolong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Goweditswe Kome
Location : MASUNGA
Event : Potsolotso
Date : 10 Nov 2024