Breaking News

Ba BDF ba simolola metseletsele ya maitiso

10 Nov 2024

Tshologelo e ne e le kwa godimo, kwa Botswana International University of Science and Technology (BIUST) kwa Palapye ka Labotlhano, go tla go akola maitisong a mmino ke ba Botswana Defense Force (BDF).

Maitiso ao, a a tumileng ka leina la BDF Bands in Concert Style, a mo ngwageng wa masome a mararo le bongwe a ntse a tshwarwa mme a santse a ngoka bontsi jwa batho go akarediwa banana le bagolo.

Jaaka gale setlhopha seo, se ne se opela dipina tse di farologaneng, go kgotsofatsa barotloetsi mme di ne di akaretsa segaba, katara ya setso, borankana, tsutsube, phathisi, marimba le e mengwe.

Go ne gape go na le meopelo e mengwe jaaka orchestra, pipes and drums, opera, acapella, saxophone le e mengwe.

Pina ya ga Peter Gabriel - In your eyes, Sereetsi and the natives, Ke Boletsa Mongwe - Kueletsana, setlhopha sa Culture Spears, Vusi Nova - Bekezela, Michael Jackson - You Rock my World le ya ga Zucchero a opela le Randy Crawford ya Diamante, e ne ya nna dingwe tse di neng tsa emeletsa batsena maitiso ka dinao go ja tlhako.

Mme Oratile Letsebe, yo a neng a le kwa maitisong ao le bana ba gagwe, o supile fa a ne a le teng gape ka 2019 kwa Serowe mme a a itumela fela thata ka e bile a sa tlhaole ka dingwaga.

E ntse e le kwa maitisong, setlhopha sa BDF se ne sa abela mokgatlho wa Cheshire Foundation P30 000.

Fa a amogela mpho go tswa mo mogolwaneng wa sesole sa Botswana, Lt Col Onkabetse Jori, Rre Gilbert Mukuvare wa Cheshire Foundation kwa Palapye, o supile fa a tlaa thusa mo go tse ba di tlhokang.

Mokgatlho wa Cheshire Foundation ke mokgatlho o o ikemetseng mme o itebagantse le go thusa ba-na-le-bogole.

O thusa gape le ba ba tlhokang ditirelo tsa bone, e ka nna ba ba nnileng le bogole ntateng ya kotsi ya koloi kana ba ba nnileng le bogole ka tsela nngwe fela le tse dingwe.

Maitiso a BDF in Concert Style a simolotse ka 1992 e le moono wa tautona wa pele, Lt Gen. Dr Seretse Khama Ian Khama yo ka nako eo a neng a le moeteledipele wa sesole e bile ke mangwe maitlamo a sesole, go thusa mekgatlho e e itebagantseng le batho ba ba tlhokileng lesego mo setshabeng le makgotla a bopelotlhomogi.

Maikaelelo a maitiso gape ke go isa sesole kwa setshabeng le go supa bokgoni le botswerere jwa sesole sa Botswana ka meopelo le mebino ka go farologana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : PALAPYE

Event : BDF Bands in Concert Style

Date : 10 Nov 2024