Star Rating For Schools e tlaa anama le dikole
10 Nov 2024
Lenaneo la Star Rating for Schools le solofetswe go anama le dikole lefatshe leno ka bophara go thusa mo pabalesegong ya bana ba dikole mabapi le dikotsi tsa tsela.
Mogolwane go tswa mo lekalaneng la Emergency Assist 991, Rre Simon Modisaemang a re lenaneo la Star Rating for Schools le itebagantse le go rotloetsa pabalesego ya bana mo dikoleng bogolo jang tse di fa thoko ga tsela go fokotsa dikotsi tse di ka felelang di diragala mo dikoleng.
Fa a bua mo letsatsing la go rola dingwe tsa ditiro tse ba di dirileng e le ba thuso ya potlako (Emergenccy Assist 991) le batsaakarolo ba bangwe kwa sekoleng se sebotlana sa Tsabong, Rre Modisaemang o tlhalositse fa khamphani ya bone e simolodisitswe ka ngwaga wa 2003 ka maikaelelo a go tshwaragana le puso le dikhamphani tse di ikemetseng go thusa mo pabalesegong ya bana ba dikole mo dikotsing tsa tsela.
O ne a tlhalosa fa ba ne ba sekaseka pele dikole tse di mo motseng mme ba dumalana fa Tsabong Primary School se tshwanelwa ke go tsibogelwa ka bonako go thusiwa mo seemong seo se se neng se sa jese barutabana, batsadi le setshaba ka kakaretso diwelang ka bakgweetsi bangwe ba kgweetsa ka lebelo le le feteletseng le ntswa go sa letlelelwe mo molaong wa tsela.
Rre Modisaemang o boletse fa ba simolotse tiro eo ka ngwaga wa 2019 e e akaretsang kago ya di hump, makgabaganyo a Zebra Crossing, Parking side le go dira tsibogo kana dithuto ka matshwao a tsela mo lekotswaneng la dikago dingwe tsa sekole mme e bile e le bontlha bongwe jwa dithuto tsa bone
O boletse fa a kanokile le go sekaseka ditsela tsa Tsabong go di tshwantshanya le tsa metse e mengwe mme go supile fa di dirilwe ka bonokopila ka fa di tshwanetseng go lebega le go dirwa ka teng. A re tiro eo e tlaa tswelela le kwa dikoleng tse dingwe mo lefatsheng leno.
Rre Modisaemang o tlhalositse fa khamphani ya Emergency Assist 991 ka tshwaragano le lekalana la kgaolo la Ipabalelo Tseleng le batsaakarolo bangwe e thusiwa ka madi ke lekgotla la Federation International Automobile (FIA) Foudation go diragatsa maikaelelo a bone a go fokotsa dikotsi tsa tsela ngwaga le ngwaga.
O ne a supa fa tiro e ba e dirileng ya speed hump, makgabaganyo a Zebra Crossing di tlaa thusa bakgweetsi mo go fokotseng lebelo go babalela bana ba dikole le setshaba ka kakaretso.
A re mme lefa go ntse jalo go sa ntse go na le kgonagalo ya gore dikotsi di nne teng selo se a supileng fa dithuto di tshwanelwa ke go tswelela di nna teng go ruta batsadi ga mmogo le bakgweetsi go fema dikotsi tseo.
Fa a bua maikaelelo a letsatsi leo mogolwane go tswa mo lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng mo Tsabong, Mme Mando Chaba o ne a tlhalosa fa maikaelelo e le go fetola dikakanyo, e seng go ruta bana fela ka ipabalelo tseleng, mme ba dire phetogo nngwe ka go tsenya matshwao a tsela a a tsibosang le go ruta bana bogolo jang mo dikoleng tse di potlana le setshaba kakaretso.
O ne a supa fa lenaneo la Star Rating For School e le nngwe ya tse di simologileng mo lefatsheng leno go araba matshwenyego a dikotsi tsa tsela tse di felelang di ama thata bana.
Mme Chaba o ne a supa fa moono e le go ema nokeng banana ka go ba ruta le go ba kgothatsa ka ipabalelo tseleng e le tsela nngwe ya go boloka matshelo a bone le gone go sekaseka tikologo ya mo dikoleng ka bongwe ka bongwe gore a e siametse pabalesego ya bana. Mookamela mapodisi a pharakano mo Kgaolong ya Kgalagadi Superintendent Kgosienalerona Sechoni o ne a tlhalosa fa mapodisi ba gatisitse melato e e farologanyeng e le 1172 mo ngwageng tse tlhano tse di fetileng go fitlha mo ngwageng ono.
Supt Sechoni o boletse fa gareng ga melato eo go akarediwa bakgweetsi ba ba kgweetsang ba nole bojalwa, ba ba kgweetsang ba sena ditlankana tsa go kgweetsa, lobelo lo lo feteletseng,go tlhoka go dirisa mabante a itshireletso gareng ga e mengwe.
O ne a gakolola batsadi go sireletsa bana kgatlhanong le dikotsi tsa tsela ka nako tsotlhe go tlhomamisa gore ba goroga sentle kwa sekoleng le kwa malwapeng ka jaana sekole se le gaufi thata le tsela, a supa go na le ngwana mongwe wa ngwaga tse nne yo o neng a thulwa ke koloi mo gare ga motse.
Supt Sechoni o ne a iteela moroko mafoko a dibui tse dingwe gore morago ga tshekatsheko tse di tseneletseng mo dikoleng mo motseng oo ba thuso ya potlako ba EA 991 le ba tsaya karolo ba bangwe ba ne ba tlhopha sekole se sebotlana sa Tsabong ka jaana se le gaufi le tsela le madirelo.
O boletse fa go le pele go ne go le borai mo baneng fa ba kgabaganya tsela ba sena kelelelo ka jaana pele ga tiro e ba e dirileng go ne go sena matshwao a tsela a a lekaneng go ka tsibosa bana ga mmogo le setshaba.
Mogokgo wa sekole sa Tsabong Primary Mme Thandie Lesole o ne a galaletsa ba Emergency Assist 991, ba komiti ya ipabalelo tseleng, mapodisi le batsaakarolo bangwe ka tiro e ntle e ba e dirileng ka jaana pele ga moo seemo se ne se sa jese diwelang.
Mme lesole o boletse fa pele ga tiro eo, barutabana ba ne ba na le dikgwetlho ka jaana bakgweetsi ba dikoloi ba ba isang bana kwa sekoleng ba ne ba ba tlogela fela mo kgorong ya sekole selo se se neng se ba baya mo diphatseng. A re se, se ne se dirwa ke go bo go ne go sena fa dikoloi di emang teng.
Kgwetlho e nngwe e ne e le go kgweetsa ka lobelo lo lo feteletseng ga bakgweetsi mme sekole se le fa thoko ga tsela.
O boletse fa kgwetlho e e sa ntseng e le teng e le ya dimausu tse di leng gaufi le sekole ka bana bangwe ba felela ba kgobokanela teng.
Mme Lesole o supile fa gape ba tshwenngwa ke tikologo e e seng phepa e e bakwang ke beng ba dimausu ka e ka felela e tsenya matshelo a bana mo diphatseng selo se a supileng fa ba kopile ba khansele go thusa ka go di batlela lefelo le sele go tsibogela seemo seo.
O ne a tlatsa ka go supa fa le barutabana ba ne ba tsibogela seemo sa pabalesego ya bana ka go ithaopa ga bangwe go ba ba emang mo kgorwaneng go amogela bana sentle a supa fa seo gape se thusitse ga fokotsa go tla morago ga nako ga bana ba sekole se sebotlana sa Tsabong. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : Tsabong
Event : Letsatsi la thuso ya potlako
Date : 10 Nov 2024