Magolegwa a a kolobediwa
10 Nov 2024
Dithuto tsa sedumedi mo dikgolegelong di botlhokwa e bile di ka fetola kgotsa tsa tsisa pharologanyo mo Botswana.
Se se builwe ke mogolwane wa kgolegelo ya Mahalapye Rre Keitumetse Keitumetse fa a buisa magolegwa kwa moletlong wa kolobetso le kabo ya ditlankana fa ba tlhomamisiwa mo tumelong ya sekeresete bosheng.
A re o solofela fa dithuto tse di tlaa ba tswela mosola fa ba setse ba tswa mo kgolegelong.
Rre Keitumetse a re se a se itseng ke gore bangwe ba ya go tseeletsa dithomo tse ba ka tswang ba na natso, bangwe ba ithuta mabaka e le go fetola matshelo a bone mme e bile a ba akgolela go leka go ikaga le go fetola maitshwaro a bone.
Rre Keitumetse o ba kopile gore ba seka ba tlogela dithuto tse fa ba tswa mo kgolegelong, mme ba tswelele ka se ba se ithutileng e leng lorato le kagiso e e tlhokafalang thata mo setshabeng.
Moruti wa kgolegelo, Mpho Maseko o akgoletse magolegwa boineelo jwa bone mo lenaneong la dithuto tsa sedumedi.
A re go maleba go bo ba nnile le lenaneo le la ikago sesha le maitlamo a lone eleng go aga magolegwa gore a kgone a nne le sebaka sa go tshela sentle le go fetola mekgwa ya bone.
Mme Maseko a re ka dithuto tse, o kgonne go iponela ka matlho phetogo mo magolegweng ba ba neng ba di tseneletse.
A re dithuto tse maitlamo magolo a tsone ke go jwala sengwe se se pharologanyo mo ditlhaloganyong tsa magolegwa go leka go ba neela se ntseng se seo mo go bone gore ba tshele botoka.
O tsweletse ka go supa fa dithuto tse di rotloetsa go ikgapha thata mo go boeleng gape kwa boleong jwa go dira tse di bosula tse di ka ba busetsang mo kgolegelong gape. A re go boeleng kwa magaeng a bone le kwa setshabeng go tlhokana le maitshwaro a a pharologanyo ka jalo, dithuto tse di tlaa ba thusa gore ba kgone go tshela sentle kgotsa botoka le ba malwapa a bone.
Mme Maseko a re se, se ba fa monyetla wa go fetola boitshwaro le dikakanyo gonne bangwe ke bana kwa malwapeng a bone ba emetswe ke batsadi, fa bangwe e le batsadi ba emetswe ke bana ba bone.
Moruti wa kereke ya Seventh Day Adventist, Rre Marvin Radihephi o akgoletse ba lephata la dikgolegelo tiro e ntle e ba e dirang ka go rotloetsa ikago sesha mo badireng melato.
A re o ratile thulaganyo e ka e atumetsa magolegwa gaufi le Modimo mme e bile go sa kgathalesege gore ba fa kae ka nako eo.
A re ba tshwanetse go itumelela gore puso ya Botswana e ba file monyetla oo mme a ba gakolola gore ba o tseye ka tlhwaafalo .
O rotloeditse badira melato ba a neng a ba kolobetsa go ikoba mo pele ga Modimo le go fetoga gore matshelo a bone a tshwanologe e nne batho ba ba tlaa tsisang diphetogo fa ba boela magaeng a bone.
A re seo seka supegetsa le ba malwapa a bone gore ba fetogile mme ebile ba ka feletsa ba ba leba ka leitlho le le pharologanyo.
Superintendent Kutlwano Macha a re kolobetso e, ke yone tshimologo ya ikago sesha. A re setshaba se solofetse go le gontsi mo go bone thata ka ba tseneletse dithuto ba bo ba kolobediwa.
A re bone e le ba lephata la dikgolegelo ga ba solofele go utlwa gotwe ba dirile melato gape fa ba tswela kwa ntle ga kgolegelo.
Rre Macha a re phoso motho o ka e dira gangwefela mme ga o setse Modimo morago go senya o ka se go boelele a tlatsa ka gore motho go ikaga ene go tsweng mo boteng jwa pelo ya gagwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : MAHALAPYE
Event : moletlo wa kolobetso
Date : 10 Nov 2024