Women Against Rape e bula lekalana kwa Gumare
06 Nov 2024
Mokgatlho wa Women Against Rape (WAR) o o itebagantseng le go lwantsha thubetso o butse lekalana mo Gumare go ikatumetsa batho ba kgaolo ya Okavango.
E rile a bua mo potsolotsong, Modiredi wa WAR mo Okavango, Rre Samson Magano a re lekgotla le, le e seng la puso, le itebagantse le go sweleswetana le dikgang tsa ditshwanelo tsa setho bogolo jang kgokgontsho ya bong mme e bile le bone botlhokwa jwa go bula ofisi mo Okavango ka dikgang tsa mhuta oo di tshwenya mo kgaolong e.
Rre Magano, yo e bileng e le Moitseanape mo go tsa tlhaloganyo, a re WAR e sale e fiwa boroko ke ba BOCAIP mo Gumare ka 2020.
Rre Magano a re WAR e simolotse e sidila maikutlo ba ba kgokgontshitsweng jaanong e atolositse ditirelo tsa yone go sidila maikutlo le mo dikgannyeng tse di amanang le tsa madi, tiriso botlhaswa ya dino le ditagi, go ikaga sesha, kgokgontsho mo botsalanong le mo manyalong.
A re WAR gape e na le lekalana la thuto le le itebagantseng le dikole, malapa le baeteledipele ba merafe.
Rre Magano a re lekgotla le le tsibosa banana ka dikgang tsa boimana jwa bananyana, jo e leng setlhabi mo kgaolong.
A re gape ba nonotsha batsadi gore ba kgone go buisana dikgang tsa tlhakanelo dikobo le bana. A re WAR gape e buelela ba ba tlhophegileng mo setshabeng, mo polotiking le mo ditirong.
Rre Magano are mokgatlho o dira dipatlisiso ka tse di tlhokofatsang setshaba go batla modi wa tsone le gore o ka kumolwa jang. Mo godimo ga moo, a re WAR mo bogompienong e na le mosasana wa ba ba faletseng kgokgontsho o o amogelang bomme, basetsana le basimane ba dingwaga tse di kwa tlase ga lesome le bobedi kwa Maun.
A re mosasana o o fa bomme le bana ba matshelo a bone a tshosediwang, bogolo jang ba ba kgokgontshiwang ka tlhakanelo dikobo go ba sireletsa mapodisi a santse ba sweleswetana le dikgang tsa bone.
Rre Magano a re keletso ke gore matlo a botshabelo a gasame lefatshe ka bophara.
A re lekgotla la bone le bereka le mapodisi, ba boipelego le ba merafe a bo a kopa ba-na-le seabe ba bangwe go ikopanya le bone go tshwaraganela tiro. Ya go lwantsha kgokgontsho. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : Gumare
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2024