Letshololo le a laolesega
06 Nov 2024
Ba bongaka fa bolela fa seemo sa letshololo se se ntseng se iphile maatla jaanong se laolesega ka jaana mo dibekeng tse tharo tse di sa tswang go feta go nnile le balwetse ba se ekae fela.
Le fa go ntse jalo, sebueledi sa lephata la Botsogo, Dr Christopher Nyanga, o boletse mo potsolotsong le BOPA gore go santse go na le balwetse ba ba itekodisang go ralala lefatshe leno.
Dr Nyanga a re Botswana o ntse a sweleswetana le go ntsifala ga ba ba feletsweng ke metsi a mmele fa e sale ngwaga ono o simolola.
Go nnile le balwetse ba le 300 mo bekeng nngwe le nngwe mo dikgweding tse pedi, mme bontsi jwa dikai tsa bolwetse jo e le tse di seng kalo, mo balwetse ba neng ba tlhatlhojwa ba bo ba romelwa gae gone foo, ga bua Dr Nyanga a tlatsa ka go re ka yone nako eo go ne go tlhokafala batho ba le bararo ka beke.
A re dikgaolo tsotlhe di amegile, mme Okavango, Bokone Bophirima, Bobirwa le Tutume tsone di ne di bifetswe thata. Dr Nyanga a re lephata la Botsogo le ne le dira tse di tshwanetseng go lwantsha bolwetse, le itebagantse le go tsiboga ga dikokelwana, go fokotsa kanamo ya bolwetse le go thibela dintsho, bogolo jang mo go ba ba tshabelelwang ke dihawa jaaka bana ba dingwaga tse di kwa tlase ga botlhano, particularly among vulnerable populations such as children under five.
O tlhalositse gore badiri ba tsa botsogo ba katiseditswe go sweleswetana le letshololo go ya ka melawana ya lekgotla la Integrated Management of Childhood Illness (IMCI) protocols gore balwetse botlhe ba alafiwe mo go tseneletseng, go fokodiwe manokonoko le dintsho.
Mo godimo ga moo, Dr Nyanga a re lephata le otlolotse letsogo mo go abeng metsi a a busetseng matswai mo mmeleng gammogo le kotla ya Zinc Sulphate, tse di leng botlhokwa mo go lwantsheng letshololo. A re batlhokomedi ba balwetse le bone ba rutilwe go hutswela melemo eo fela jaaka letshololo le thaa, ka fa ba ntse ba rulaganyetsa go batla thuso ya bongaka kwa dikokelong.
Mo godimo ga moo, a re bommaboitekanelo le bone ba katisitswe go anama le setshaba go ya go ruta ka thibelo le kalafi ya letshololo. Dr Nyanga o kopile setshaba go tlhoafalela bophepa, go thibela go tsenwa ke bolwetse le go kopa thuso ya bongaka go sale gale.
A re go tlhapa diatla ka metsi le molora morago ga go dirisa ntlwana gammogo le go bedisa metsi a a nowang go ka thibela letshololo, bogolo jang mo mafelong a a seng phepa sentle.
O kgothaditse le batlhokomedi go baya bana leitlho le go ba siantshetsa bookelong fa ba simolola go tsholola. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : BOPA
Location : Gaborone
Event : Potsolotso
Date : 06 Nov 2024