Breaking News

Monna o bolaile yo mongwe ba lwela mokapelo

05 Nov 2024

Mapodisi a Serowe a tshegeditse lekawana  la dingwaga tse di lesome le boferabongwe ka molato wa go betsa a bo a bolaya rre wa dingwaga tse di masome mabedi le bobedi wa kgotla ya Magadingwana kwa Mabuo mo kgaolong ya Serowe Borwa ka Labotlhano.

Mo potsolotsong mogolwane wa mapodisi a Serowe, Superintendent Poloko Oteng, o boletse fa go ne ga nna le tlhoka-kutlwisisanyo fa gare ga mokapelo wa mosetsana le rre yo mongwe.

A re ntwa e ne ya phagela mme mmelaelwa a dirisa sengwe se se bogale go tlhaba rre yoo go fitlhelela a tlhokafala ka e rile a goroga kwa kokelong ya Sekgoma Memorial kwa Serowe a rurifadiwa fa a tlhokafetse.

A re tiragalo eo e diragatse makuku a naka tsa kgomo kwa lapeng la mosetsana.

Mmelaelwa o tlaa isiwa kwa lekgotleng la ga mmakaseterata kwa Serowe go arabela molato wa polao.

Supt Oteng a re dikgang tsa baratani mo yo mongwe a felelang a tlhokafetse di a tshwenya mo kgaolong ya Serowe, a kopa baratani gore ba itshware fa ba bona ba tsiediwa, kgotsa bogolo ba somole ka tlhogo ba tswe mo maratong a a sa tsogang sentle. Bokhuttlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Mabuo

Event : Potsolotso

Date : 05 Nov 2024