Mapodisi a tlhotlhomisa ditiragalo
05 Nov 2024
Mapodisi a Letlhakeng a tlhotlhomisa ditiragalo di le mmalwa tse di diragetseng mafelo a beke e e fetileng.
Mogolwane wa mapodisi Superintendent Amos Kekgethetse, o boletse mo puisanyong le ba lekalana la dikgang la BOPA fa ba tlhotlhomisa leso la mme wa dingwaga tse di fa gare yo go belaelwang e le wa letso la Zimbabwe, yo a fitlhetsweng a tlhokafetse kwa masimong a Ramogawane gaufi le Ditshegwane kgwedi eno e tlhola gangwe.
Supt Kekgathetse o supile fa tiragalo eo e begilwe ke mofeti ka tsela.
Go tlhalosiwa fa mme yoo a ne a etetse mokapelo wa gagwe wa letso la Zimbabwe yoo a neng disetsa mongwe wa masimo ao, mme ba feta ba nna le tlhoka-kutlwisisano ka jalo mme yo o a bona go le botoka go boela kwa a nnang teng kwa Gaborone.
Mapodisi a ikuetse mo setshabeng go ba thusa go batla rre yoo, yo o tsenyeng ka lenga la seloko, gore a thuse ka ditlhotlhomiso tsa leso la mokapelo wa gagwe.
Supt Kekgathetse o ikuetse mo Batswaneng go thapa batswakwa ba ba nang le teseletso ya go bereka mo lefatsheng leno, le go ya go ba thapela kwa ofising ya tsa pereko gore go nne motlhofo go ba batla fa ba dirile molato.
O tlhalositse gape fa ba tlhotlhomisa tiragalo e lekawana la dingwaga tse di lesome le borobabongwe wa kgotla ya Maabanyane mo Molepolole, a belaelwang a tlhabile yo mongwe ka sengwe se se bogale a bo a tlhokafala kwa bareng kwa Diphuduhudu.
A re tiragalo eo e diragetse kgwedi eno e tlhola gangwe ka nako ya masome a mararo morago ga nako ya borobabongwe bosigo.
Moswi o ne a na le dingwaga tse di masome a mabedi, mme ditlhotlhomiso di supile fa mmelaelwa a kaya fa moswi a ne a mo kolota P50.
Mo go tse dingwe Supt Kekgathetse o tlhalositse fa ba batla rre mongwe wa dingwaga tse di masome a mane le bosupa wa Ngware, yo o bonyweng la bofelo kgwedi e e fetileng e le masome a mararo.
Mogolwane wa mapodise o tlhalositse fa rre yoo a itekanetse mo tlhaloganyong.
O kopile setshaba go ba batlisa rre yoo le go ba begela fa ba mmonye.
O supile gape fa ba tshegeditse mosimane wa dingwaga tse di lesome le borataro wa Ditshegwane, yo go belaelwang a tlhabile rre wa dingwaga tse di masome a mararo le boraro wa Ditshegwane ka sengwe se se bogale.
O tlhalositse fa rre yoo a robaditswe kwa sepateleng sa Marina ka dikgobalo tse di masisi mo tlhogong.
Are ditlhotlhomiso tsa mapodisi di supa fa borre bao ba ne ba lwa.
Supt Kekgathetse a e rile kgwedi e e fetileng e le masome a mararo le motso ba tshwara monna wa dingwaga tse di masome a mabedi le motso ka mophuthelwana o ba belaelang e le tagi e e tlwaelesegile ka leina la katse, ya bokete jwa 1 gram ka fa matlhophelong a sekolo se segolwane sa Mphuthe, ka nako ya lesome mo mosong.
O boletse fa ba isitse mophuthelwana oo kwa go ba ba tlhatlhobang go bona gore e ka tswa e le eng, fa ditlhotlhomiso tsone di santse di tsweletse. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Letlhakeng
Event : Potsolotso
Date : 05 Nov 2024