Mothusa Tautona o gomotsa boorra Shomana
27 Oct 2024
Mothusa Tautona, Rre Slumber Tsogwane o ne a etetse Boora Shomana kwa Seronga go ba gomotsa ka Labotlhano, morago ga go tlhokafala ga ga Mme Mobeao Shomana.
Mme Shomana o tlhokafetse a le dingwaga di le masome a supa le botlhano, kgwedi ya Phalane e le lesome le boferabongwe.
Rre Tsogwane o ne a gakolola Boora Shomana gore Modimo a na le bone, e bile ke e ne a laolang gore botshelo bo tla leng le gore batho ba tloga leng mo lefatsheng.
Rre Tsogwane o supile fa leso e le thulaganyo ya Modimo mme batho ba tsamaya ka ditsela tse di farologaneng.
O gakolotse Rre le bana ba ga Mme Shomana gore ba mo gakologelwe ka ditiro tse di molemo tse a di dirileng fa a le mo botshelong.
Moemedi wa ba lelwapa, Rre Dikaelo Shomana o supile fa Mme Shomana a ne a lwala dingwaga di le dintsi mme a supa go tokafala mo malatsing pele a tlhokafala, selo se se neng sa ba fa tsholofelo, mme morago seemo sa bolwetsi sa fetoga.
Mme Shomana go tlhalosiwa fa a ne a tlhokafalelela kwa kokelong ya Letsholathebe kwa Maun.
Rre Shomana o lebogile Mothusa Tautona go ba lekola a re seo se a itumedisa ka e le motsadi wa bone.
Mme Shomana ke mosadi wa ga Rre Pitisi Shomana, yo o kileng a nna mokhanselara mo khanseleng ya Okavango. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : SERONGA
Event : Tsogwane o a gomotsa
Date : 27 Oct 2024