Kgosi Seretse o kgothatsa mapodisi
27 Oct 2024
Mothusa kgosi kgolo ya GaMmangwato, Kgosi Serogola Seretse, o gwetlhile mapodisi mo kgaolong ya Serowe go tswelela ba direla Batswana ka lerato le monyenyo, go netefatsa gore ba neela batho ditirelo tse di maleba.
Kgosi Serogola o buile jalo fa a ne a bula semmuso diofisi tse di potlana kwa Dimajwe ka Labotlhano.
O tlhalositse fa ofisi tseo, di tla a thusa mapodise le banni ba Dimajwe le tikologo go tshwaragana gore ba kgone go ntsha maduo a tlhwatlhwa.
“Re le setshaba, re tshwanetse ra supa boikarabelo ka go begela mapodisi dikgang tsotlhe tsa borukutlhi tse di diragalang mo mafelong a re leng mo go o ne,” Kgosi Serogola a tlhalosa.
O ba rotloediste go fetola dikakanyo, maikutlo le boitshwaro go tsholeletsa leina la Botswana kwa godimo le go gata mmogo go ya katlegong ya botlhe ka ngwaga wa 2036.
Kgosi Seretse o ba boleletse fa mo lenaneong la ditlhabololo tsa setshaba, puso e tla aga diofisi tsa sepodise di le masome mabedi le boferabobedi mo mafelong a a farologaneng mo Botswana.
Kgosi Seretse o kopile magosi ka kakaretso go dirisana le mapodise ka botswapelo go laola seemo sa borukutlhi.
O tlhalositse fa kgokgontsho ya mehuta yotlhe e sa ba jese diwelang, a re tiriso botlhaswa ya dinnotagi bogolo jang mo bananeng e ile kwa godimo thata.
Fa ntsha la gagwe mabapi le kago ya diofisi tseo mothusa ramapodisi a Botswana, Mr Katlholo Mosimanegape, a re dikago tseo di lopile madi a a fetang P700 000.
Rre Mosimanegape o boletse fa ofisi eo, e ya go nna le mapodisi a maemo a Sergeant a le mabedi le bo Constable ba le babedi le koloi ya modiro wa Toyota Land Cruiser.
A re tiro ya mapodise ke go sireletsa morafe go nna le kagiso le go sireletsa dithoto tsa batho le go ba ruta go tshela sentle ba sa kgokgontshane.
Modulasetilo wa khansele ya Serowe, Rre Keneilwe Monageng o lebogetse diofisi tseo ka mabogo a mabedi, a tlhalosa fa banni ba Dimajwe ba le lesego thata go nna le tlhabololo e tona jaana.
O kopile morafe go ema mapodise nokeng mo diemong tsotlhe tsa borukutlhi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : DIMAJWE
Event : Pulo semmuso ya diofisi
Date : 27 Oct 2024