Tlhaelo ya metsi kwa Sefhope e ya bokhutlong
27 Oct 2024
Tona wa Tlhabololo Lefatshe le Phatlalatso ya Metsi, Dr Kefentse Mzwinila a re tlhabololo ya phatlalatso ya metsi kwa Sefophe e tla tokafatsa seemo sa tlhaelo ya metsi wa motseng oo.
Dr Mzwinila o buile se, kwa tshimolodisong ya phatlalatso ya metsi a a tlhatswitsweng kwa Sefophe bosheng.
Koporase ya metsi e ne ya tsenya ditanka tse di kwa godimo tse di tshwarang metsi a selekanyo sa 85 cubic litres e le tlhabololo e e tlaa thusang gore motse o akole metsi a boleng jo bo kwa godimo e bile a lekane.
Tanka ya selekanyo sa 5 000 cubic metres e pegilwe mo ditshiping tsa boleele jwa 15m go tlhomamisa gore metsi a phatlalala le motse wa Sefhophe.
Tanka eo e agilwe ka madi a a fetang P8.6 million.
Dr Mzwinila a re tlhabololo eo, e tla tokafatsa thata tlhaelo e e ntseng e le teng mo motseng bogolo jang kwa ditsheng tse disha.
Dr Mzwinila o tlhalositse fa kago e ntsha ya tanka e tsile morago fa go sena go lemogiwa fa ditanka tse di ntseng di nosa motse oo di le dinnye e bile di le kwa tlase mo di neng di sa kgone go siela motse otlhe metsi.
A re tlhabololo eo, e bulela tse dingwe tse e tla a reng mo legatong la bobedi la ditlogamaano tsa lesome le bobedi, lephata le bo le ka sekaseka go dira moalo o mosha wa phatlalatso ya metsi kwa motseng wa Sefhophe.
Dr Mzwinila a re puso e ikemiseditse go isa ditlhabololo tsa boleng kwa setshabeng ka nako e bile e le tsa madi a a dumalanweng fela jaaka lephata la gagwe le neetswe boikarabelo jwa go bona gore batho ba bona metsi a boleng jo bo rileng.
Tona a re ditlhabololo ka bontsi di dirisa maranyane, a tlhalosa gore puso e setse e simolodisitse smart metres kwa Gaborone, mme e tla a re morago, e phatlaladiwe lefatshe ka bophara.
O kaile fa se se tsile morago ga gore setshaba se ikuele ka madi a mantsi a ba a lopiwang ke ba lekalana la Water Utilities Corporation, a re se, gape e le tsela nngwe ya go laola tiriso ya metsi e e kwa godimo.
Le fa gontse jalo, a re puso e tsere tshwetso ya go reka ditsha tsa masimo mo bangweng mme di bo di ka tsenngwa moalo wa metsi gore di abelwe ba ba di tlhokang.
Dr Mzwinila o ne a lebogela batho ba Sefhophe bopelotelele jwa bone ka tiro e tsere lobaka le leleele go wela.
Rre Goitseone Tshiamiso, mogolwane go tswa kwa Water Utilities Corporation o kaile fa tanka e lekane go siela banni ba motse wa Sefhophe metsi mo dingwageng tse di tlang tse di masome a mabedi ka ntlha ya gore boleng jwa yone e le jo bo kwa godimo.
A re selekanyo sa metsi a a tla a bong a tlhatswiwa a lekane go tlatsa tanka ka selekanyo sa 85 per cent mme a lekane go ka nowa mo malatsing a mabedi, a tlhalosa fa se se ba neela sebaka sa go tsibogela se se tla a bong se tlhoka go baakanngwa mme batho bone ba tsweletse ba a nwa metsi.
O kaile fa tiro e ntle e, e dirilwe ke dikopmpone tsa Batswana e bile ba ne ba tlhapile Batswana ka bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SEFHOPHE
Event : Tshimolodiso ya phatlalatso ya metsi
Date : 27 Oct 2024