Breaking News

Mapodisi ba tsweletse ka ditlhotlhomiso tsa morutabana

24 Oct 2024

Mogolwane wa sepodisi sa Botswana Assistant Commissioner of Police Musa Oteng a re ba santse ba le mo ditlhotlhomisong tsa go batla morutabana wa sekole se sebotlana sa Malaka Rre Dennis Motsie, yo o nyeletseng kgwedi e e fetileng e tlhola malatsi a le lesome le boferabongwe.

Fa a lekodisa banni ba Malaka le metse e e mabapi ba ba neng ba tsile kwa kgotleng ka dipalo tse dintsi, Rre Oteng a re ba tsweletse ba mo patlong ya rre yoo mme mo nakong eno ba setse ba fitlheletse dilo dingwe.

A re mo ditlhotlhomisong tsa bone ba itemogetse fa madi a ntse a tswa mo polokelong ya ga Rre Motsie ya banka go simolola letsatsi le a nyeletseng ka lone go fitlha kgwedi ya Lwetse e fela, go supega gore go na le madi mangwe a a neng a tsewa kana go dirisiwa karata ya gagwe ya banka go reka dijo mo mafelong a a rekisang dijo ka go farologana kwa lefatsheng la Aferika Borwa kwa toropong ya Pretoria.

Rre Oteng a re fa nako e ntse e tsamaya go ne ga supafala fa madi a fedile mo polokelong ya ga Rre Motsie mme ba buisanya le batsadi ba gagwe gore go tsenngwe madi a mangwe, mme madi ao le one a felela a dirisiwa kana a tsewa.

O supile fa mo nngweng ya ditlhotlhomiso tsa bone ba ne ba itemogela fa go na le fa go neng go supafala fa go ne go duelwa boroko mo lefelong lengwe gone kwa Pretoria.

A re go na le ditshupiwa dingwe mo maranyaneng a CCTV tse ba neng ba di kopa gone kwa lefelong la boroko kwa Pretoria mme tsa supa mongwe a tshwana le Rre Motsie.

Ka jalo ba ne ba di isa kwa go ba masika a ga Rre Motsie gore ba lebe gore a rre yo o mo ditshwantshong tseo ke ene. A re botsadi jwa ga Rre Motsie bo ne jwa supa fa go bonala e le ene.O ne a re ka jalo ba setse ba itshwaragantse le ba sepodisi sa lefatshe la Aferika Borwa gore ba ba thuse go batla Rre Motsie kana go kgona go mmona fa a ka tswang a le teng.

A re go tlaa  itsisiwe le mo ditshwantshong tsa motshikinyego gone kwa lefatsheng leo gore batho ba kgone go thusa mo patlong ya ga Rre Motsie. O ne a re ba sepodisi ba ne ba batlisisa gore Rre Motsie o  ka tswa a dule ka molelwane ofe fa a ya Aferika Borwa mme ba fitlhela go sa supe a kile a feta ka molelwane ope ebile a supa fa mosokela tsebeng gagwe o le teng.

A re ba santse ba emetse ditshwantsho tsa motshikinyego tse di tswang kwa metshining e e ntshang madi (ATM machines) tse di ka supang gore motho yo o neng a dirisa karata ya gagwe go tsaya madi e ne e le mang mme ba kwaletse ba ba maleba go ba thusa ka seo.Rre Oteng a re tiro ya go batla Rre Motsie ga se tiro e e motlhofo, ka jalo e sena go fela mo nakong e khutshwane.

A re fela jaaka ba tsweletse ka go batla, setshaba se tshwanetse se thusane le bone mme fa mongwe a utlwaletse sengwe a e kgolaganye le  mapodising a a gaufi go thusa go latedisa motlhala.

Rre Oteng a re o a tlhaloganya e bile o a itse fa dipelo tsa batho di le botlhoko mme kgang e ya patlo ya ga Rre Motsie e masisi e bile e batla e dirwa ka bopelotelele, boitshwaro ntleng le gogomosa maikutlo.

E re ntswa bangwe ba ne ba ngongoregela gore ba sepodisi ga ba tsamaise ditlhotlhomiso tsa bone sentle e bile ba tsere nako go dira ditlhotlhomiso tsa go nyelela ga ga Rre Motsie,

Rre Oteng o ne a supa fa ba sepodisi ba ne ba tsiboga ka nako e bile ba tsaya ditlhotlhomiso tsa bone ka tlhoafalo.

A re mo, go supagala ka gore ba setse ba itemogetse dilo dingwe mo ditlhotlhomisong tsa bone. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitysenyane

Location : MALAKA

Event : tekodiso

Date : 24 Oct 2024