Dirisang ditalente go itshetsa- Monnakgotla
24 Oct 2024
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Talita Monnakgotla o gwetlhile banni ba metse e kgakala le ditlamelo go dirisa ditalente tsa bone go itlhabolola le go tsosolosa itsholelo ya metse ya bone.
O buile se ka Labobedi kwa Ghanzi mo moletlo wa go amogela Rre Vincent Gobuamang wa Qabo yo o sa tswang ikgapela maemo a ntlha mo dikgaisanong tsa Mr World Botswana bosheng.
Mme Monnakgotla o tlhalositse fa puso e ikemiseditse go fetola matshelo a banni ba metse e e kgakala le ditlamelo ka go tswa ka lenaneo la dikgaisano tsa mmabontle le rabontle ba metse e e kgakala le ditlamelo.
A re lenaneo le, le simolotswe ka 2013, mme go ne go itebagantswe le basetsana fela, morago ga lemogwa fa basimane ba tlogetswe kwa morago.
A re maitlamo a puso ke go tswa ka mananeo a a sa tlogeleng kgapheleng ope kwa ntle mme yare ka 2018, bana ba basimane ba akarediwa.
Mme Monnakgotla a re lenaneo le, le tlhamilwe ka maikaelelo a go ruta banana gore ba seka ba inyatsa ka ntata ya mafelo a ba tlholegang kwa go o ne, mme ba tsenelele dikgaisano fela jaaka monana mongwe le mongwe.
A re lenaneo le gape le itebagantse le go ruta banana maitsholo a a eletsegang le go amogana dithuto le dikitso le banana ba bangwe.
Mme Monnakgotla e rile puso e bona lenaneo tswa maduo, ba ne ba tsena mo dipuisanong le ba Mr World gore banana ba mono gae ba ithute ka go phadisanya le ba mafatshe a mangwe.
O gwetlhile Rre Gobuamang go itsolopanya jaaka a tlaabo a ya go go phadisanya le dikgantshwane tse dingwe kwa Vietnam ka Ngwanatsele (November).
Mogolwane go tswa kwa lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Mme Gomolemo Tselakgopo o kaile fa puso e ikemiseditse go tlhabolola matshelo a banni ba ba kgakala le ditlamelo mme a ba kgothatsa go tsaya karolo gore ba tswe mo go inyatseng.
A re maikaelelo a lenaneo ke go ruta banana ka dikgwetlho tsa botshelo le gore ba ka emelana jang le tsone, go tsholetsa serodumo sa borre, go nna sekao mo setshabeng.
Mme Tselakgopo o ne a supa fa ba na le dikgaolo di le lesome le bosupa mme metse e e kgakala le ditlamelo yone, e le masome a supa le boraro.
A re lenaneo le na le baemedi go tswa kwa metsaneng eo ba le 963, bomme ba le 489 le borre ba le 474 a bo a tlatsa ka gore go setse go na le dikgwebo di le masome a mararo le boferabongwe tsa banana ba metse e e kgakala le ditlamelo, mme a ba rotloetsa go nna pelotelele go dira ka natla gore dikgwebo tse e nne tsa sennela ruri.
Kgosi Annah Rankho o akgoletse Rre Gobuamang katlego ya gagwe a bo a mo rotloetsa go ya go dira ga feta foo kwa Vietnam, go tsholetsa serodumo sa Botswana le kgaolo ya gagwe.Motsadi wa gagwe, Mme Keyakae Gobuamanag o lebogile kemo -nokeng go tswa kwa bodireding jwa kgaolo ya Ghanzi le setshaba ka kakaretso a bo a gwetlha morwae go ba tlotlomatsa kwa Vietnam ka seo se tlaa mmulela dikgoro.
Modulasetilo wa khansele ya Ghanzi, Rre Jeremiah Tibi o kgothaditse batsadi go rotloetsa bana go tsenelela dikgaisano go supa bokgoni kwa bone. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : GHANZI
Event : moletlo
Date : 24 Oct 2024