Thuo ya dinotshi e bogadi bogaufi
24 Oct 2024
Thuo ya ditlhapi le dinotshi e ka sologela banni ba Selebi Phikwe mosola ka e bogadi bo gaufi.
Rre Boatametse Dimeku wa lekalana la thuo ya dinotshi kwa lephateng la temo thuo, o buile kwa phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke Tona wa Temo Thuo, Rre Fidelis Molao ka Labobedi kwa Selebi Phikwe.
Rre Dimeku a re fela jaaka tsina e le botlhokwa mo botsogong jwa motho, ditswa notshing di tshwana le motu, o ka dira pholetshe ya ntlo le tse di itshasiwang mo molomong.
A re go rua dinotshi go tlhoka bopelotelele gore motho a kgone go akola maduo a tsone.
Rre Dimeku o tlhalositse fa bangwe ba inaakantse le thuo ya dinotshi go rekisa tsina ya tsone fa bangwe ba di ruetse go di rekisa, selo se se supang ka fa thuo ya dinotshi e ka tswakanyang itsholelo ka teng.
O supile fa setlhare sengwe le sengwe se tlhoka matute a a tswang mo dinotshing gore se ntshe maungo a a nang le boleng
Rre Dimeku a re nako e gorogile gore balemi ba simolole go rua dinotshi mo masimong, gore di nonotsha thobo ya bone mme a supa go tshwenya go bona Batswana ba santse ba goga dinao go rua dinotshi le mororo go dirisiwa madi a mantis go reka tsina kwa mafatsheng a sele.
O tlhalositse fa tsina ya dinotshi e na le mmaraka o montsi mo gae le kwa mafatsheng a mangwe.
Go ya ka Rre Dimeku, motshitshi o le mongwe o lekane go ntsha 30kg ya tsina mme o kgona go roba mo ngwageng.
A re puso e na le mananeo a mantsi a a diretsweng go thusa Batswana go itlhamela dikgwebo mme a kgotlhatsa ba ba nang le keletso go ya kwa diofsing tsa temo thuo go ya go utlwa ka fa ba ka thusiwang ka teng.
Rre Dimeku o tlhalositse fa lenaneo la Thuo Letlotlo le sa itebaganya le go rua dikgomo le dipudi fela mme le akaretsa dilo tse di farologaneng.
O kgothaditse setshaba go fetola ditlhaganya ka go akanya gore dinotshi di borai go ka ruiwa mme ba tsene mo kgwebong ya tsone go akola maduo ka thuo ya tsone e le motlhofo gape di sa tlhoka lefelo le le tona go di rua, di ka ruelwa mo lwapeng.
Rre Dimeku o tlhalositse fa banni ba kgaolo ya Selebi Phikwe ba le mo tshiamelong ya go ka rua dinotshi, ka tshimo ya dinamune le losika lwa tsone Citrus e e kwa Selebi Phikwe, tlhoka mabokoso a mantisi a dinotshi go thusa go ungwa ga dijwalo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 24 Oct 2024