Breaking News

Go ikgapela botshelo ga banana go a tshwenya

23 Oct 2024

Mookamela mapodisi a Werda mo kgaolong ya Tsabong, Superintendent Mompoloki Ramatsia o supile fa ba tshwenngwa ke ditiragalo tsa go ikgapela botshelo tse di dirwang ke banana mo motseng wa Kokotsha.

Superintendent Ramatsia o tlhalosiste se mo potsolotsong le BOPA, morago ga gore ba ofisi ya gagwe ba begelwe ka  tiragalo e mo go yone mosimane wa dingwaga tse di lesome le boferabobedi a fitlhetsweng a akgega mo setlhareng kwa Kokotsha. 

O supile fa tiragalo eo, e le ya bobedi ba e begelwa fa e sale ngwaga ono o simologa. 

O ne a tlhalosa fa mapodisi a begetswe ka tiragalo e ke mofeti ka tsela, kgwedi eno e le masome a mabedi. 

Superintendent Ramatsia o ne a tswelela ka go tlhalosa fa mapodisi a ne a ragogela kwa tiragalo e diragaletseng teng mme ba feta ba ragosetsa mosimane yoo kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa a setse a tlhokafetse.  A re le fa go ntse jalo, serepa sone se santse se le mo setsidifatsing mo kokelong eo. 

O boletse fa batsadi ba supile fa moswi a ne a eletsa go ya go batla tiro golo gongwe mme a tlhobosediwa fa palo ya badiri e lekane gore go ka thapiwa, mme ba sa tlhomamise gore a e ka tswa ele yone kgang e e mo kgoberileng maikutlo. 

Supt Ramatsia o ne a supa fa moswi a tlholega mo kgotlaneng ya Hummoed gone mo Kokotsha. 

Mookamela mapodisi o ne a tlatsa ka go gakolola bogolo jang banana le setshaba ka kakaretso go kopa thuso mo go ba ba maleba fa ba na le kgotlhang le maikutlo, a re se se ka thusa mo phokotsegong ya ditiragalo tsa mofuta o. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Kokotsha

Event : Potsolotso

Date : 23 Oct 2024