Botsogo motheo wa katlego
23 Oct 2024
Botsogo jo bo siameng ke motheo o o botlhokwa o o tlhokwang ke motho gore a bo a ka atlega mo botshelong.
Se se builwe ke Tona wa Mafatshe a Sele, Dr Lemogang Kwape kwa Selokolela bosheng, fa banni ba motse oo ba ne ba amogela dithuto le ditirelo tsa botsogo tse di neng di rulagantswe ke lekgotla la Leading Age Foundation.
Dr Kwape o tlhaloseditse banni fa go itekanela mo mmeleng le mo tlhaloganyong e le pinagare e e ka isang katlegong, a supa fa go se bonolo gore motho a fitlhelele ditoro tsa gagwe fa tsogo ya gagwe e sa tlhapa.
O rotloeditse banni go agela mosako dithuto ka tse di amang botsogo jwa bone.
A re maikarabelo a motho mongwe le mongwe ke go kgaratlhela go tlhomamisa fa a tsogile sentle e bile a itekanetse ka go tshegetsa dithuto le maele a gangwe le gape a ngathoganwang le setshaba tebang le dikgang tsa botsogo.
Tona Kwape o iteetse borre ba Selokolela legofi go bo ba tsibogetse pitso ya go tsena dithuto tseo ka dipalo tse di kwa godimo, a re seo se a itumedisa ka borre gantsi ba nna maoto a tshupa go etela dikokelo kana go ikamanya le sepe fela se se amang dikgang tsa botsogo.
Dr Alfred Madigele wa Madigele Clinics yo kokelwana ya gagwe e neng e tsere karolo kwa tirong eo, o ne a supa fa go tshwenya go bo dipalo tsa malwetse a a sa tshelanweng di gola tsatsi le letsatsi,
A re tiriso ya ditagi le yone e tsweletse ka go tshwenya, mme a tlhalosa fa dilo tse pedi tse, di pateletsa puso go tshela madi a a bokete mo go laoleng ditlamorago tsa tsone.
O kopile banni go ikemela ka dinao le go rotloetsa bangwe ka bone go ema kgatlhanong le sepe se se ka nnang matshosetsi mo go tsogeng sentle le go itekanela ga bone.
Rre Percy Moroka wa lekgotla le le itebagantseng le dikgang tsa botsogo jwa bagodi la Leading Age Foundation le ene o supile matswenyego ka koketsego ya malwetse a a sa tshelanweng.
A re se, se tlama gore go engwe ka dinao go tla ka ditsela tsa go laola seemo pele se ka senyegela pele. Letsatsi le, le ne le akaretsa dithuto le tlhatlhobelo makoa a a farologaneng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : Selokolela
Event : Pitso
Date : 23 Oct 2024