Breaking News

DPSM e diragatsa thulaganyo e ntsha

23 Oct 2024

Lephata la Khiro ya Badirelapuso la DPSM le ipaakanyetsa go diragatsa tsamaiso e e gopotsweng ya dituelo ya Fan Shape Salary Structure. 

Tsamaiso eo, e itebagantse le go ntsha maduo le go tswelela pele ga badirelapuso. 

Fa a bua kwa phuthegong ya therisano le babega dikgang mo Gaborone bosheng, mookamedi wa lephata la DPSM, Mme Gaone Macholo, o tlhalositse fa thulaganyo e, e tlaa bo e na le tsamaiso e e phuthologileng ya go duela badirelapuso e na le di-notch di le masome mabedi le botlhano go na le tse di le lesome tsa nako eno. 

Mme Macholo a re tsamaiso eo, e tsile go emisa seemo sa go nna mo maemong a le mangwefela ga badirelapuso, le go atswa ba ba ntshang maduo mo tirong, ka jaana ba tla tswelela ba tlhatlosiwa. 

A re therisano e tsweletse sentle le ba-na-le-seabe ba ba maleba, go balelwa makgotla a babereki. 

O tsweletse a tlhalosa gore fa go sena go wetswa ditherisano le ditsamaiso tse dingwe, tsamaiso e ntsha ya go duela badirelapuso e tla simolola ngwaga o o tlang wa madi. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lesedi Thatayamodimo

Location : Gaborone

Event : Phuthego

Date : 23 Oct 2024