Breaking News

Mothusa Tona o lekola banni ba Kaputura

22 Oct 2024

Lephata la Dikgaolo le Tlhabololo Magae le ikemiseditse go tlhabolola  matshelo a batho ba ba kgakala le ditlamelo le bana ba dikolo tse di potlana.

Se se tlhalositswe ke Mothusa Tona wa lephata leo, Mme Talita Monnakgotla mo phuthegong ya kgotla ka Labotlhano fa a ne a ile go lekola banni ba motsana wa Kaputura mo kgaolong ya Okavango.

Mme Monnakgotla a re lephata leo, le na le boikarabelo jwa go netefatsa gore bana ba dikolo tse di potlana ba na le didirisiwa tsa thuto le dijo.

A re mo bo gompienong, motsana wa Kaputura ke ntlha nngwe ya motse o o gaufi le one wa Kauxwi ka dipalo tsa one di ne di sa letle gore e ka nna motse o o ikemetseng mo dingwageng tse di fetileng.

Le fa go ntse jalo, Mme Monnakgotla a re go ya ka palo batho ya 2022, dipalo tsa batho tsa motsana wa Kaputura di godile go fitlha ko go 335, a re seo se dira gore e ka nna motsana o o kgakala le ditlamelo o o ikemetseng.

A re seo se ka kgonagala fa baeteledipele ba kgaola ba ka dira tshotiso go simolola kwa khanseleng, go ya palamenteng le khuduthamaga ya puso.

Mothusa Tona a re fa Kaputura e ka nna motsana o o ikemetseng, o o kgakala le ditlamelo go ka thusa banni go akola mananeo a puso a go tlhabolola batho ba ba kgakala le ditlamelo.

Mo mafokong a gagwe a kamogelo, Kgosi Simon Kambango wa motse wa Kauxwi o ne a supa fa motsana wa Kaputura o le kgakala le ditlamelo ka jalo a re bana ba motsana oo ba tsena sekolo se se potlana kwa motseng wa Xakao go tswa mo lekwalong la bongwe go fitlha go la bosupa.

Kgosi Kambango a re seo se baya bana ba motse wa Kaputura ka fa mosing ka ba felela ba kgaogana le batsadi ba nna kwa sekolong ba sa le bannye. 

Are se, se felela se ama kgodiso ya bone, e bile are go le gantsi bana bao ba a ngwega kwa sekolong ba batla batsadi ba bone.

A re keletso ya bone ke gore go nne le sekolo se se ka tsayang bana ba lekwalo la bongwe go fitlha kwa go la bone mo motsaneng wa Kaputura gore bana ba bannye ba tsene sekolo ba nna le batsadi.

Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mo Kaputura, Rre Ben Mateusa o supile fa ba eletsa go agelwa kokelwana, go thusiwa ka kgokelo ya motlakase mo motseng,  le go dirwa ga tsela ya Kauxwi-Kaputura-Tobera. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Kaputura

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 22 Oct 2024