Ledubeng ba phepafatsa tikologo
22 Oct 2024
Tona wa Mafatshe a Sele, Dr Lemogang Kwape, badiri ba banka ya Absa kwa Kanye le banni ba kgotla ya Ledubeng ba tsweletse ka go sega tema mo go tlhomamiseng bophepa jwa kgaolwana eo.
E ne ya re bosheng, boraro joo, jwa tsena mo letsholong la go phepafatsa tikologo ka go sela matlakala kwa kgotleng ya Ledubeng, ka maiteko a go diragatsa pilara ya boraro ya Vision 2036 ya gore go nne le tikologo e e siameng e e ka akolwang ke botlhe.
Mo potsolotsong, Tona Kwape o ne a tlhalosa fa pilara eo, e rotloetsa gore tikologo e nne e e siameng go dibela matshelo a batho ka tikologo e e leswe e le borai, e bile e ka e baya matshelo a batho mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke malwetse.
Go sale foo, o rotloeditse banni go lemoga fa matlakala a ka fetlha khumo ka go busediwa gape mo tirisong go dira dithoto le tse dingwe tsa botlhokwa.
“Batho ba motse o le Batswana ka kakaretso ba tshwanetse ba lemoga fa matlakala a ka busediwa gape mo tirisong. Ba tshwanetse ba itse gore ba ka dira kgwebo ka matlakala.”
Dr Kwape o ne a akgola badiri ba Absa go ipoa seboaboane, ba tshwaragana le morafe go phepafatsa tikologo, a supa fa ba setse ba tsentse letsogo gararo mo letsholong le.
Modiri wa Absa, Rre Latelang Ralebala o ne a supa fa banka ya Absa e dumela mo go reng tikologo e ba direlang mo go yone e nne phepa, a re ke ka moo ba neng ba amogela ka tsoo-pedi taletso ya ga Tona Kwape.
Rre Ralebala o kaile fa ngwaga le ngwaga banka ya Absa e tsenya letsogo mo ditirong tsa setshaba go ralala lefatshe leno, e le tsela ya go supa kemo-nokeng ya banka mo setshabeng se e direlang mo go sone.
A re lenaneo la bone le le amanang le tsa tikologo le nale tsetlana ya temo ya ditlhare e a tlhalositseng fa e le sengwe sa tse ba di tsayang ka tlhwaafalo fa ba lebile botlhokwa jwa ditlhare mo lebopong.
Modulasetilo wa komiti ya ditlhabololo tsa motse ya Ledubeng, Mme Keamogetse Solotate o ne a lebogela thuso ya ba Absa mo go tshwaraganeng le morafe wa kgaolwana eo go phepafatsa tikologo.
A re seabe sa badiri ba Absa, se tiisitse maiteko a ba a dirang Labotlhano mongwe le mongwe a go bolotsa badiri ba lenaneo la Ipelegeng go ya go sela matlakala.
Mme Solotate o ne a rotloetsa morafe gore ba duelele go tseelwa matlakala ke khansele, a re seo le sone se ka thusa thata mo go laoleng matlakala.
Kgosi Thapelo Sane wa Ledubeng o akgoletse morafe wa kgaolwana eo go tsibogela kgang ya go phepafatsa tikologo ya bone.
Jaaka Tona Kwape, Kgosi Sane o ne a bua ka botlhokwa jwa go dirisa matlakala go itirela letseno, a re nako e tsile ya gore ba simolole go leba matlakala ka leitlho le sele. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Keonee Majoto
Location : Kanye
Event : Phepafatso
Date : 22 Oct 2024