Molepolole o tlaa agelwa di ofisi tsa sepodisi
21 Oct 2024
Tona wa Itshireletso le Thokgamo, Rre Kagiso Mmusi o rurifaleditse morafe wa Bakwena fa lephata la gagwe le tlaa aga di ofisi tsa sepodisi di le pedi kwa Magokotswane le Suping mo Molepolole.
Tona Mmusi o buile se ka Labotlhano kwa kgotleng kgolo ya Bakwena, a tlhalosa fa a ne a tsile go rurifatsa kgang eo morago ga gore bagolo bangwe ba motse ba ba neng ba patile Kgosi Kgari Sechele III ba tseye loeto go ya Gaborone go ya go botsisisa ka ditlhabololo tseo.
Le fa go ntse jalo, tona Mmusi o ne a tlhalosa fa lephata la gagwe le tsere tshwetso ya go aga di ofisi tsa sepodisi di le masome mabedi le boferabobedi mo mafelong ka go farologana mo lefatsheng leno ka go ne go lebilwe gore lephata le tlhaelelwa ke madi mme ba tla ka motlhale o o botoka go ka tlisa ditlhabololo tseo.
Are ba ne ba tsaya tshwetso ya go tlhapa kompone e e dirang sengwe le sengwe e akaretsa go tshwantsha dikago, go di aga, le go di tsenya sengwe le sengwe se se tlhokafalang gore ere dikago tseo di fela sengwe le sengwe se bo se feletse. Dikgago tse, tona Mmusi are di tlaa bo di na le matlo, maranyane le dikoloi tota.
Are tlhabololo e, e tlile go thusa thata mo motseng wa Molepolole gore batho ba bone ditlamelo le go lwantsha borukutlhi.
Rre Mmusi are dikago tsa di ofisi tse pedi tseo fa di fela ba tlaa bo ba fudusa mapodisi mo kagong e kgologolo go ya go tsena kwa go tse di sha go bo go baakanngwa di ofisi tse dikgologolo.
A re ere ka Bakwena ba ntshitse lefatshe la bone la Thari ya banana go ka dirisiwa go aga dikago tse di tona tsa diofisi tsa sepodisi, lephata la gagwe le seegetse kwa thoko madi a a fetang P430 million mme a tsenngwa mo lenaneong la ditlhabololo la NDP 12 gore ditlhabololo tseo di tle di dirwe ka fa tlase ga lenaneo leo le le simololang ngwaga o o tlang.
O tsweletse a supa fa mo nakong ya gompieno go tlhapilwe mapodise a le lekgolo le masome a marataro le bosupa (167) mo motseng wa Molepolole, mme a supa fa palo eo e le potlana ka jaana motse wa Molepolole o le motona ebile go tlhoka gore bodiredi jwa sepodisi bo okediwe.
Tona Mmusi a re ke ka moo lephata la gagwe le tsereng tshwetso ya go tlhapa mapodise ba le sekete ngwaga le ngwaga ba ba alogang le mo go baba neng ba tlhapilwe ka nakwana ba special constable. Fa ba mo kgwa kgaba, Bakwena ba ne ba amogela ditlhabololo ka tsoo pedi ntswa ba ne ba supa fa ba ngongoregela dilo dingwe.
Bontsi jwa bone ba ne ba ngongoregela go tlhoka go rerisiwa ka ditlhabololo tse di tlaa dirwang mo motseng wa bone.
Mongwe wa bagolo ba motseng, rre Jeffery Matsila o ne a supa fa borukutlhi bo le bontsi thata mo motseng wa Molepolole mme a tlhalosa fa bodiredi jwa sepodisi bo tlhaela go itepatepanya le borukutlhi joo.
O ne a tlhalosa gape fa dikago tse dikgologolo tsa sepodisi tse di mo motseng e se dikago tsa selebego se se tlotlegang ka jalo a kopa gore go simololwe go tlhabololwe tsone pele. Rre Sebala Leshomo ene o ne a supa fa ba amogela dikago tse pedi tsa sepodise mme gape a gatelela botlhokwa jwa therisano.
Rre Mpho Laolang o ne a leboga mafoko a tona a tlileng ka one, a tlhalosa fa morafe wa Bakwena o le motona ka jalo ba tlhoka ditlhabololo tse di tshwanetseng serodumo le seriti sa bone. Fa a tswa la gagwe, modulasetilo wa khansele ya Kweneng, Rre Allen Jacobs o ne a leboga tona ka ditlhabololo tse a tlang ka tsone mme a kopa morafe gore ere fa puso e lere ditlhabololo ba di amogele ka diatla tsoo pedi ba seka ba di galala.
Mopalamente wa pele, Rre Kabo Morwaeng ebile gape e le tona mo Ofising ya ga Tautona a re ditlhabololo tseo di tlaa thusa fela thata mo go lwantsheng borukutlhi.
O bile gape a leboga puso go lere ditlhabololo tse dingwe jaaka di ofisi tsa kgotla, tsela e e tlaa dirwang e tona le tse dingwe tse di dirilweng mo motseng di akaretsa tlhabololo ya metsi le dikago tsa ditso mo go tse dingwe. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Lindi Morwaeng
Location : Molepolole
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 21 Oct 2024