Breaking News

Tautona o supa koloi ya motlakase

20 Oct 2024

Tautona Dr Mokgweetsi Masisi o tlhomamisitse semmuso tiriso ya koloi ya motlakase e e dirwang mo Botswana. Dr Masisi a re maikaelelo a puso ke go fefosa mesepele ka go dirisa dipalanngwa tse di dirisang motlakase.

O buile jalo ka Matlhatso kwa bonnong jwa gagwe jaaka a ne a amogela dikoloi tse di dirisang motlakase gore  di tsene mo tirisong. “Go tsweng fa, ke tlaa tsaya koloi e nngwe, mothusa tautona le ene a tsaya e nngwe, re di kgweetsa, re di bapatsa, re tlhalosa ka tsone, re di lekeletsa jaaka re tsweletse ka dipatlisiso, mme morago re rolele ba BITRI, bo ne ba ba dirang dikoloi pego,”  Dr Masisi a tlhalosa.

O tlhalositse gore tona wa Ditlhaeletsanyo, Dikitso le Maranyane, Rre Thulagano Segokgo yo o okametseng lekalana la BITRI le Rre Eric Molale le bone ba tlaa kgweetsa dikoloi tse, mme morago ba ntshe pego ya ditshekatsheko tsa bone.

Tautona Masisi a re bangwe ba ba tlaa adimiwang dikoloi tsa motlakase go di seka seka ke Miss World Africa, Lesego Chombo, Miss Botswana, Anicia Gaothusi le sekgantshwane sa diolimpiki sa lebelo la 200m, Letsile Tebogo .

Tautona o kaile fa batho ba, ba tlaa fiwa dikoloi tse ,sebaka sa ngwaga go tsewa dipatlisiso mo go bone.

A re tse dingwe dikoloi di tlaa sala le ba BITRI ba di dirisa mo dipatlisisong. O tsweletse ka gore ba BITRI ba tshwaraganye le ba AliBoats kwa Maun ba dirile mokoro o fetlhwang ka motlakase.

A re le fa go nnile bonya,  boamaruri ke gore puso e ne e santse e buisana le makalana le baitseanape ka go farologana.

Tautona Masisi a re tse di setseng di dirilwe di kgatlhile bangwe, ka jalo go botlhokwa gore go fefosiwe go dirwa ga tsone.

Tona Segokgo a re Tautona o setse a kile a etela lefelo le dikoloi di dirwang teng, ka jalo maikaelelo ke gore jaanong Motswana a bone koloi ya motlakase e tsamaya mo tseleng.

A re bangwe ba ntse ba tlhobosa gore ga gona koloi ya go nna jaana, ka jalo go botlhokwa gore Motswana a bone koloi eo ka matlho e le mo tirisong. Rre Segokgo a re boamaruri ke gore koloi ya motlakase e teng, e bile e mo tirisong.

Rre Segokgo a re puso e diragatsa maitlamo a ngwaga wa 2019. A re le fa go ntse jalo bangwe ba ne ba ganetsa ba re ga go dirwe sepe. Ka jalo a re tiro ya go dira koloi ya motlakase e nnile mosepele o o tsereng lebaka ka gone go le dingwe tsa botlhokwa tse di neng di tshwanetse tsa dirwa pele.

A re sa ntlha go dirwa e ne e le go aga kitso mo Batswaneng, ba rutuntshiwa ka dikoloi tsa motlakase. O supile gore ba ba setseng ba alogile ba feta 150.

O tsweletse a re sengwe se se neng sa dirwa mo maikaelelong a go dira koloi ya motlakase, ke go ba tlhatlhelela gore ba nne le bokgoni jwa go tsaya koloi e e dirisang leokwane, mme ba e fetole gore e kgone go dirisa motlakase.

Rre Segokgo a re mhama wa go dirwa ga koloi e, o tlaa dira gore go nne le dikgwebo tse disha di le mmalwa tse di tlaa thusang go tlhamiwa ga ditiro ka go farologana.

O tlhalositse gore mo nakong e khutshwane ba tlaa aga dikoloi tse 50 le dibase di le 30. Rre Segokgo a re sengwe se se tlaa tsibogelwang ke go anamisa mafelo a e leng gore dibetiri tsa dikoloi tse di tlaa nna di gotediwa mo go one (charging points).

A re puso e tlaa dira ka gotlhe go tlhomamisa gore dikoloi tse di a itsetlela, go tlhama ditiro mme e bile di diragatsa maitlamo a puso a go lwantsha kgotlelesego ya tikologo.

Mogolwane wa BITRI, Dr Ditshupo Maje a re o lebogela boeteledipele jwa ga Tautona Masisi a re se a se dirileng go rotloetsa go dirwa ga koloi ya motlakase go tla ka nako e mafatshe a emeng ka dinao go fokotsa kgotlelesego ya tikologo le loapi.

Dr Maje a re kgotlelesego ya loapi e baka komelelo ka jaana dipaka di fetogile le pula e le boutsana, ka jalo a re tiriso ya koloi ya motlakase ke nngwe ya tse di dirwang go fokotsa kgotlelesego ya loapi le tikologo.

A re go tswa ka ngwaga ya 2050 go tlaa bo go sa dirwe dikoloi tse di dirisang leokwane, mme a re go botlhokwa go bona Tautona Masisi a di goga kwa pele go rotloetsa setshaba go tswa ka metlhale e  e babalelang tikologo.

Dr Maje a re go boamaruri gore dikoloi tse di dirwa mo Botswana, ka jaana go setse go rutuntshitswe bana ba mo gae ba ba dirisang dikitso tsa bone go godisa itsholelo, go itepatepanya le tiriso ya boranyane le go tlhama ditiro ka go farologana.

A re keletso ke gore Batswana ba reke le go dirisa dikoloi, gore lefatshe la Botswana le nne le seabe se se bonalang mo go lwantsheng go fokotsa tse di borai mo lebopong. BOPA

 

 

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : POTSOLOTSO

Date : 20 Oct 2024