Thapelo e na le maatla
02 Oct 2024
Thapelo e na le maatla a go fedisa masula otlhe a a apesitseng lefatsheng leno, ka jalo go botlhokwa go ikaega ka yone.
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Setlhabelo Modukanele o buile se a bula International Prayer Summit kwa Kerekeng ya Word of faith Dynamic Ministries kwa Palapye bosheng.
A tlhalosa fa a ratile setlhogo sa thapelo eo se se neng se re: Ema ka dinao o lwele lefatshe la gaeno, a re se gwetlha Batswana go ema ka dinao go tsaya kgato ka ba ka se lebe fela lefatshe le nyelela.
Rre Modukanele a re o itumedisiwa ke go bona kereke e diragatsa moono wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi wa go fetola dikakanyo, a supa fa go tsaya ntwa ya go rapelela lefatshe le masula otlhe a lone go kaya fa ba fetotse dikakanyo ebile ba dumela gore phetogo e botlhokwa.
O tlhalositse fa bokopano joo bo tsile ka nako e e siameng e lefatshe leno le itemogelang kgwetlho ya masula a tshwana tiriso botlhaswa ya ditagi, dipetelelo, dipolaano tsa marato, dikotsi tsa tsela, kgokgontsho ya bong le malwetse. Mothusa tona o gwetlhile maloko a kereke eo go rapelela lefatshe jaaka le lebile ditlhopho tsa setshaba.
O ba kopile go rapelela pula a re o dumela gore Modimo o ka utlwa, a araba dithapelo tsa bone le go fodisa lefatshe leno.
Fa a amogela Rre Modukanele, Kgosi wa Palapye Kgosi Martha Lebang a tlhalosa fa kereke jaaka lesedi e tshwanetse ya tshwaragana le puso go fedisa dikgwetlho.
A re kereke e tshwanetse e eme ka dinao go lwantsha masula a a kgoreletsang kagiso le ledula mo lefatsheng leno.
Kgosi Lebang a re ntwa e ba e lwang jaaka setlhogo se bua ga se ya tshololo ya madi ke ya thapelo ka maikaelelo a go fenya mmaba satane.
Kgosi Lebang o ba gwetlhile go ema ka dinao go rapelele tsotlhe gore dingwaga tse di tlang dikokomane di fitlhele Botswana le lefatshe ka bophara go rena kagiso ebile go babalesegile.
Prophet Kago Maja wa kereke ya Word of faith Dynamic Ministries International a tlhalosa fa maikaelelo a letsatsi e le go rapelela batho, lefatshe le matshwenyego otlhe.
Prophet Maja o kopile baruti go ntsha dipharologano tsa bone mme ba tshwaragane go lwela lefatshe la bone ka thapelo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : PALAPYE
Event : International Prayer Summit
Date : 02 Oct 2024