Breaking News

Bagodi ba rotloediwa go intsha bodutu

02 Oct 2024

Bagodi ba rotloeditswe go batla ditsela tse ba ka itlosang bodutu ka tsone fa ba nna ba le nosi ka bodutu bo kgona go felela bo tsenya mogodi bokoa.

Bodutu bo tsala dikakanyo tse dintsi phelelong motho a bo a sa dire dilo dingwe sentle.

Mmaboipelego yo o direlang kwa Lecheng, Mme Ogomoditse Sesupeng o buile se bosheng jaaka badiri ba koporase ya motlakase ya Botswana Power Corporation (BPC) ba ne ba diretse bagodi ba motse oo letsatsi la botsogo.

Bagodi ba nnile le sebaka sa go itshidila mmele, go itlhatlhobela malwetse ka go farologana le dithuto ka malwetse a a farologaneng.

O kopile bagodi go itshekatsheka gore bodutu jo ba bo itemogelang ke jwa mofuta ofe go fetole dingwe ka matshelo a bone.

Mme Sesupeng a re ba ka intsha bodutu ka go dira ditiro mo lwapeng, jaaka go rua dikoko, go phepafatsa, go jwala ditlhare le go di nosetsa gammogo le go etelana.

O kaile fa go tlhokafalelwa ke mongwe yo mogodi a neng a tshela le ene kana ba ne ba nyalane, go phatlalalelwa ke bana, ba sa tlhole ba nna mo lwapeng ka mabaka a a farologaneng a tshwana le a ditiro, nyalo kana ba ya go nna kwa malwapeng a bone go ka bakela mogodi modutu.

A re bangwe ba bagodi ba ne ba dira jaanong ba tlogetse ditiro ka mabaka a bogodi, mme ba ithuta matshelo a masha, se se tsisa bodutu mo botshelong jwa bone.

Mme Sesupeng a re mogodi o kgona go iphitlhela a le mo bodutung ka lebaka la botsogo jo bo mo itsang go ka tlhola batho.

Tsotlhe tse a re di kgona go dira gore mogodi a seka a kgona go leba dilo sentle mo bangwe ba felelang ba lebala go tlhapa, go apara sentle, mme go bo go tlhoka gore ba ba gaufi ba ka thusa mogodi yoo.

Mogolwane go tswa kwa BPC, Mme Kefilwe Kebafetotse o kaile fa maikaelelo a badiri ba BPC e le go fa  bagodi lerato.

A re le fa tiro ya bone e tona e le go fetlha motlakase, ba itebagantse gape le matshelo a ba ba dirang gore tiro ya bone e tswelele.

Mme Kebafetotse a re ba bone go tshwanela gore ba nne le letshego la Batho Pele le le itebagantseng le motho mongwe le mongwe ka boleng jwa gagwe.

A re go botlhokwa gore fa motho a tshela, a itse gore o mo seemong se se ntseng jang mo mmeleng, mo maikutlong le mo moweng ka gore fa mowa o se monate, mmele o nna botlhoko mme motho o tshwanetese a itse gore o itlhokomela jang bogolo jang fa a setse a godile. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Portia Rapitsenyane

Location : LECHENG

Event : letsatsi la botsogo

Date : 02 Oct 2024