Breaking News

Twisser Entertainment e phepafatsa motse

01 Oct 2024

Twisser Entertainment e e eteletsweng pele ke Mongwe wa ba–na-le-bogole Rre Lucky Sephiri e phepafaditse motse wa Kolonkwaneng e le tsela nngwe ya go rotloetsa bophepa ka e le bone konokono mo botsogong jo bo siameng.

Mo potsolosong le BOPA ka Tshipi, Rre Sephiri o ne a supa fa e sale ba simolotse tiro eo ngwaga oo fetileng ga mmogo le ba Phepafatso tikologo (Environmental Health), morafe, komiti ya ditlhabololo tsa motse, mokhanselara, dikgosi le ba bangwe ba ba amegang.

Rre Sephiri o boletse fa go simolola ngwaga o o fetileng, maikaelelo a kompone ya gagwe ya Twisser Entertainment e le go tshwara maitiso le go phepafatsa motse pele ga boipuso, ka go sela matlakala gore tikologo e nne mo seemong se se kgatlhisang.

O boletse fa ba le bane fela mo komponeng.

O ne a tlhalosa fa khansele ya Tsabong e ba thusa ka badiri ba ba dirang tiro ya go phepafatsa, le didirisiwa tse di akaretsang koloi ya matlakala, dipolasetiki tse di olelang matlakala, diatlana le tse dingwe tse di tlhokafalang.

A re go tshwaragana le setshaba le puso go ba fa sebaka sa gore ba itse ka komponi ya bone mme ba e rotloetse fa go na le ditiro tsa puso jaaka go natifisa fa go na le meletlo mengwe mo motseng le kgaolo ka bophara ka moopelo le tiriso ya diletso.

O boletse fa ba na le moono wa ‘Kwa Kgaolong’ o o akaretsang motse wa Kolonkwaneng, Bogogobo, Khuis le Middlepits, mme a supa fa mo ngwageng oo fetileng ba ne ba le kwa Middlepits, ngwaga ono ba ne ba le kwa Kolonkwaneng mme ba ikaelela go phepafatsa le go dira maitiso kwa metseng eo yotlhe go itirela letseno ka maitiso go itshetsa.

Rre Sephiri o boletse fa tiro ya go phepafatsa kwa Kolonkwaneng e atlegile fela thata ka morafe o ne o e tshologetse ka dipalo tse di kwa godimo ka jaana mokhanselara wa kgaolwana eo Rre Ikitsing Dipone a ne a e laleditse ka segoagoe mme a kgothaditsa metse e mengwe go dira fela jalo mo nakong e e tlang.

Rre Sephiri o ne a rotloetsa banana ba bangwe go itshetsa ka ditalente tse ba di filweng ke Modimo le go inaakanya le mananeo a puso go tokafatsa le go tlhabolola matshelo a bone go fokotsa letlhoko la ditiro mo lefatsheng leno ka ba ka seke ba kgone go bereka botlhe mo pusong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : KOLONKWANENG

Event : Potsolotso

Date : 01 Oct 2024