Breaking News

Banni ba itumelela tshwetso ya lekgotla la ditsha

01 Oct 2024

Banni ba Ledumadumane ba akgotse lekgotla la kabo ditsha la Kweneng go bo le tsere tshwetso ya go baya ditsha tsa bana ba batsadi ba bone ba tseetsweng masimo ba ba tumileng ka leina la ‘Mpeele Bana.’

Se se tla morago ga gore puso e tseye masimo a batsadi ba bone go sutela kgolo le ditlhabololo tsa toropo kgolo Gaborone.

Banni ba supile boitumelo jo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buiswa ke modulasetilo wa lekgotla la kabo ditsha la kweneng, Rre Kgang Kgang bosheng kwa kgotleng ya Ledumadumane, ba supa fa pelo tshwaana e boetse mannong ka mmatla kgwana ya gaabo a e bone.

E ne ya re a rola mafoko a peo ya ditsha tseo, Rre Kgang a tlhalosa gore lekgotlana la kabo ditsha la Mogoditshane le tlaa baya batho ba le sekete le makgolo a supa ba ba supilweng e le bone bana ba batsadi ba ba tseetsweng masimo go ya ka pego ya komiti e e tlhophilweng go tsamaisa kgang ya Mpeele Bana.

Mme le fa go ntse jalo, o supile matshwenyego a gore, e re ntswa go itsewe gore batho ba ba tshwanetseng go atswiwa ke bo mang, go nnile le gore palo ya batho bao e oketsege morago ga gore maina a bangwe a sukunyediwe ka bokukuntshwane mme seo sa dira gore palo e ba e neetsweng e oketsege.

Rre Kgang a re letshwenyego le lengwe ke gore e re ntswa kopo e, ya go beelwa bana e se tshwanelo, bangwe jaanong ba batla go sokeletsa puso letsogo gore ba beelwe bana ba bana mme e ne e se tumalano.

O kopile botlhe ba ba amiwang ke kgang e go tsamaya ka motlhala gore ba kgone go thusiwa ka go ikgolaganya le komiti e e tlhophilweng.

Fa ba mo kgwa kgaba, leloko la komiti eo, Rre Phagenyana Phage o tlhalositse fa komiti e dirile thomo ya batho ba metse e e akaretsang Kgaphamadi, Ledumadumane, Mmatseta, Kopong le Lentsweletau.

O tlhalositse fa batho bangwe ba ne ba bewa mo dingwageng tse di fetileng fa bangwe ba ne ba batla go tsietsa puso.

A re morago ga gore batho ba ntlha ba masimo ba sena go bewa, ba ne ba itsise morafe mme ba tsena mo legatong la bobedi ba ya go buisana le puso mme ba dumalana gore bana ba bana ba ye go bewa ditsha.

A re sebe sa phiri ke gore bana ba Ledumadumane ba ne ba rekisa ditsha ka bokete jo bo hakgamatsang. Ka jalo o kopile morafe gore o ba letlelele ba fetse kgang e, e wele.

Mme Shana Lekgetho, e le mongwe wa ba ba amegang, o akgotse Rre Kgang fela thata mme ebile a supa fa mafoko a a tlang ka one a sa tlhoke go fetolwa.

Rre Onkemetse Leteane ene e le mongwe wa maloko a komiti, o kopile lekgotla la kabo ditsha gore ba fefose dikgang tse di fele.

Le fa go ntse jalo, o kopile gore lekgotla leo, le seegele batho ba ba ka tshwarang lekgolo le metso e meraro tsebe, bone e le ba ba beilweng mme ba ne ba sena tshwanelo ya go bewa gore le bone kgang ya bone e fele ba kgone go fiwa ditlankana.

O kopile lekgotla gape gore le duele madi a didiba le matamo a bone ka jaana kgang ya tsone e seke e umakiwa fa go buiwa ka kgang ya dikatso.

Fa a tswa la gagwe, mothusa modulasetilo wa Khansele ya Mogoditshane/Thamaga, Rre Bakang Matlho, fela jaaka banni ba Ledumadumane, o akgotse lekgotla la kabo ditsha la Kweneng go bo le tlile ka tharabololo ya kgang e ka gore e na le dingwaga e ntse e buiwa.

Ka jalo, o kopile gore kgang e, e batla e fela ka gore dikgang tsa Mogoditshane tsa lefatshe di dintsi ka jaana lefatshe la Mogoditshane e le teemane. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lindi Morwaeng

Location : Mogoditshane

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 01 Oct 2024