Phuthego e tsamaile sentle Kwape
01 Oct 2024
Tona wa tsa Mafatshe a Sele, Dr Lemogang Kwape a re phuthego ya masome a supa le boferabongwe ya lekgotla la mafatshefatshe e e sa tswang go ya bokhutlong kwa
toropong ya New York kwa Amerika e tsamaile sentle.
Phuthego eo e e tshwarwang ngwaga le ngwaga e fa lekgotla la mafatshefatshe go itebaganya le dikgwetlho tse di lebaganeng mafatshe jaaka kgotlelesego ya lewapi, seemo sa tshireletsego le
pabalesego, tlala le lehuma la nta ya tlhogo, tiriso botlhaswa ya maranyane le tse dingwe.
Go ya ka Tona Kwape, phuthego e ya mafatshefatshe e ne ya neela Botswana sebaka sa go ntsha lentswe ka seemo sa ntwa ya Israel le Palasetina mme a kopa gore go senkwe tharabololo e e tlaa lereng Kagiso lethokgamo kwa mafatsheng ao a botlhabagare.
O ne a bolela gape fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a ne a kopana le Mookamedi wa lekgotla la World Intellectual Property Organization Rre Daren Tang mo phuthegong ya kwa bothokong kwa bobedi joo bo neng jwa buisanya ka dintlha dile mmalwa ka maikaelelo a go sireletsa dikitso le ditlhamo tsa Batswana.
“Jaanong ba lekgotla le, ba ya go ya kwa Botswana ka maphata a puso a a farologaneng kwa ba yang go aga dithulaganyo le ditsamaiso tsa go rutuntsha Batswana, ka maikaelelo a go sireletsa dipatlisiso,
dikitso le ditlhamo tsa bone gore ba gwebe e be ba godise itsholelo ya bone le ya lefatshe ka tsone,” ga bolela Tona Kwape.
E ntse ele dikgang tsa go rotloetsa tlhamo, Tautona Masisi o ne a kopana le ba Massachusetts Institute Of Technology (MIT), e le boramatlhale go rotloetsa ditlhamo tsa Batswana.
Tona Kwape o ne a bolela gore e re ntswa dikgang di tshwana le go batla tshireletsego di tsaya lobaka go rarabololwa, mafatshe ga a tshwanela go kgobega marapo mo go senkeng ditharabololo tsa se-nnela ruri.
O file sekai ka seemo sa ditsuuludi kwa Mozambique se mafatshe a SADC a neng a se emela ka dinao mme seemo sa kokobela a tlhalosa fa dikgang tsa mohuta o di tlhokana le bopelo telele go di fenya.
Botswana o ne a dirisa phuthego eo e le sebaka sa go aga botsalano le mafatshe le gone go baya monwana le lefatshe la Estonia go fedisa go kgetha gabedi (double taxation) ga reng ga lefatshe la Botswana le la Estonia.
Tona Kwape a re Tautona Dr Masisi o ne a tsaya karolo mo moletlong wa go tlotla le go gopola Tautona wa pele wa lefatshe la Namibia, Dr Hage Geingob o o neng o rulagantswe ke ba lekgotla la Africa-America Institute le le nnileng le seabe mo dithutong tsa gagwe.
Fa a akgela ka phuthego ya Mafatshe aa senang letshitshi la noka, (Landlocked Developing Countries) e e tlaa tshwarwang kwa lefatsheng la Botswana ka kgwedi ya Sedimonthole a le malatsi a a lesome go ya kwa go a a lesome le boraro o boletse fa etlaa itebaganya le go sekaseka ditsela tse di ka lereng ditharabololo tsa kgwebisano ka mafatshe a go nna jalo.
Phuthego eo e solofetse go ngoka baeng ba feta ditousane di le nne le gone go tlisa dipoelo mo bagwebing ba ba botlana kwa lefatsheng la Botswana.
Tona Kwape a re go tshwarwa ga phuthego e ke katlego e kgolo mo lefatsheng la Botswana le le itlamileng go nna boremelelo ja diphuthego tse di kgolo mo lefatsheng ka bophara, selo se a reng se godisa serodumo le dikgwebo tsa beng gae. BOPA0110lebo
Source : BOPA
Author : Mooketsi Mojalemotho
Location : New York
Event : Interview
Date : 01 Oct 2024