Ba lela ka seemo sa ditsela
26 Sep 2024
Makhanselara a kgaolo ya Letlhakeng, ba lela ka seemo se se maswe sa ditsela tsa mo gare ga motse le tse di tswelang kwa masimong.
Fa a bua kwa phuthegong ya Khansele mokhanselara wa kgaolo ya Maboane/Ditshegwane Rre Tsabahule Kgotlhang, a re ditsela tse di fa gare ga motse wa Ditshegwane ga mmogo le tse di tswelang kwa masimong a motse oo ga di tsamaege ka di epegile.
O tlhalositse fa seemo seo se le teng le kwa motseng wa Maboane, a supa fa gape go sena motlakase kwa ditsheng tse disha tsa motse oo. A lela ka botlhoka tsebe jwa banana ba Ditshegwane, a re ba a bolaana, ba tlhabana ka dithipa, seemo se se felelang se ba ketefalela go isiwa bongakeng kwa Letlhakeng ka ntlha ya go tlhoka koloi ya kokelo.
Rre Kgotlhang o tlhalositse fa go sena melemo kwa dikokelwaneng tsa motse oo, a bo a kopa gore seemo seo se tsibogelwe ka bonako ka jaana se le maswe.
O ne a batla go itse gore a badisa ba dikgomo tsa matimela ba duelwa madi a RASA. A re ka a tswa kgakala a lwela gore motse wa Kgare/Sebotswane o tlhomiwe go nna kgotlana ya motse wa Ditshegwane, a supa fa se, se diragatse ka Mosupologo.
Mokhanselara o ne a kopa gore sekole se sebotlana sa motse oo se baakanngwe ka jaana se onetse.
Mokhanselara wa kgaolo ya Mantshwabisi/ Serinane, o ne a lebogela baeteledipele ba pele ba khansele potlana ya Letlhakeng, gore ba ne ba e tsamaisa ka botswerere le ntswa ba ne ba sena ditlamelo, a bo a leboga le ba ba leng teng gompieno mo khanseleng e e godisitsweng gore ba tshwere ka thata mme ba sena ditlamelo.
O ne a supa gore le ntswa kgaolo e godisitswe, maphata a mangwe jaaka la DHMT a santse a tsaya ditlamelo kwa motseng wa Molepolole, selo se a supang se busetsa kgaolo kwa morago. Rre Tshenyego o ne a botsa gape gore lekgotlana la kabo ditsha la Letlhakeng le tla a godisiwa leng ka khansele e godisitswe.
Mokhanselara wa Salajwe Rre Lopang Sebutlenyane o ne a ntsha matshwenyego a seemo sa letlhoko la dikoloi le melemo kwa dikokelwaneng, selo se se dirang gore balwetse ba ba tshwanetseng go bonwa ke ngaka ba tlosolose nako ya go lekolwa ka ntlha ya mathata a.
Mokhanselara o ne a ntsha matshwenyego a gore seemo se bifela pele thata kwa motseng wa gagwe, a supa balwetse ba sa kgone go ya go itekodisa kwa motseng wa Letlhakeng ka ntlha ya bokgakala jwa motse wa bone.
Rre Sebutlenyane o ne a leboga ba Water Utilities ka fa ba dirang dilo ka teng, a supa gore fa go na le seemo sa metsi ba lekodisa baeteledipele ka maranyane, ba bo ba tlhalosa le gore ba solofela gore seemo se tlaa tokafala leng.
Mokhanselara wa Monwane/Moshaweng Rre Lekunutu Keorang o ne a supa fa ba sa le ba tseelwa koloi ya kgotla kwa motseng oo gotwe e ya go baakanngwa, nako kgolo ke eno. A tlhalosa fa go na le tlhaelo ya matlo a bodiredi kwa motseng oo mo barutabana ba pataganelang matlo, le mogokgo tota.
Fa a araba, mokwaledi wa khansele ya Letlhakeng Rre Tsholofelo Molaodi, o ne a supa fa ba itse ka mathata a ditsela tsa motse wa Ditshegwane, a supa fa ba tlaa a tsibogela.
O ne gape a re ba na le dikgang tsa RASA kwa kgaolong eo, e se tsa badisa ba matimela fela, mme ba di beile mo tafoleng go buisana ka tsone.
Rre Molaodi o tlhalositse fa a itse ka seemo sa letlhoko la boroko kwa sekoleng sa Monwane le mo metseng e mengwe, a supa fa ba tla a bona gore ba dira jang ka se ba nang le sone. Molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng Rre Ian Tema, a supa fa motlakase o tlaa atolosiwa kwa mabone, fa metse ya Kaudwane le Tshwaane e tlaa gokelelwa motlakase ka e ne e sena motlakase gotlhelele. O tlhalositse fa koloi ya kgotla ya Monwane e sekasekilwe mme e tlaa baakanngwa e bo e boela kwa motseng oo.
Rre Tema a re kgang ya gore ba DHMT ba santse ba thusiwa ke Molepolole e a tshwenya, ka se se dira gore ba fiwe madi a mannye a a sa lekaneng kgaolo.
A supa gore ka tshwanelo ba tshwanetse go nna le dikoloi tsa kokelo di le masome a mabedi le borataro, a re balwetse ga ba a tshwanela go tlolwa ke bongaka kana go fiwa dipilisi sa ba bonwa ke ngaka jaaka a utlwa. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Phuthego ya Khansele
Date : 26 Sep 2024