Lekgotla la kabo ditsha le tlhoma kgosi
26 Sep 2024
Badiri ba lekgotla la kabo ditsha la Ghanzi ba gwetlhilwe go beela dipharologanyo tsa bone kwa thoko, go nna seopo sengwe gore go rene kagiso le thokgamo fa ba direlang teng.
Seo, se tlaa thusa go rudisa mowa wa go dira ka natla ba le setlhopha mme ba ntshe ditirelo tsa boleng.
Kgosi Xhwagkao Xhau go tswa Qabo, o buile se bosheng jaaka a ne a tlhoma Rre Goemeone Mothibi go nna kgosi ya tetlanyo, go rotloetsa tshwaragano le maitsholo a a eletsegang mo bodireding jwa lekgotla le.
A re tshwaragano ya bodiredi e tlaa thusa motshereganyi go tsaya ditshwetso a sa tseye letlhakore.
Kgosi Xhau a gakolola Rre Mothibi go tsaya babereki ka tekatekanyo, a re ba kopane e le merafe e e farologaneng mme a kopa bodiredi go mo tlotla.
Mothusa mokwaledi wa lephata le, Rre Chamabona Coetzee, a re go tlhoma kgosi ya tetlanyo ya lekgotla la borre, go dirilwe ka maikalelo a go leka go thusana dikgang tsa mo tirong gammogo le tsa selegae, go itebagantswe segolo thata le borre.
A re borre ke batho ba go swela ka fa teng, mme ba na le tsholofelo ya gore go tlhongwa ga kgosigo tlaa ba fa sebaka sa go kopana e le borre, ba ithune dinta mme morago ba tle ka ditharabololo tse di maleba.
Kgosi ya tetlanyo go tswa kwa lephateng la metsi, Rre Matsapa Ramasenyego, o lebogile puso go lemoga botlhokwa jwa go tlhongwa ga batshereganyi mo maphateng.
A re lekgotla leo, le setse le itshupile fa le na le bokgoni jwa go thusana dikgang tse ditshesane mo maphateng, le go rotloetsa boitsholo jo bo eletsegang mo tirong.
O kaile fa Rre Mothibi a filwe boikarabelo go lebilwe bokgoni jwa gagwe, mme a mo gwetlha go dira ka natla.
A re go le gantsi ba rarabolola dikgang di tshwana le borukutlhi le botlhokatsebe mo tirong go sa dirisiwe melao ya pereko mme go ikaegilwe ka lentswe la kgalemo.
Mogokaganyi wa ditlamelo le ditirelo tsa mogare wa HIV/AIDS, Mme Keodiretse Seretse, o ne a tlhalosa fa lekgotla la borre, le lemogiwa ke puso, morago ga go itemogela gore borre ba maoto a tshupa go tsibogeleng dikgang tsa botsogo.
A re lekgotla le, ke le lengwe la matshego a ka one puso e neng ya kgona go bona phitlhelelo ya go atumetsa borre go tla go buisana ka dikgang tse di ba amang dingwe e le kgokgontsho ya bong le go leka go aga malwapa a a itekanetseng.
Kgosi Mothibi o solofeditse fa a tlaa ba dira ka boineelo le boamamruri. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Malebogo Lekula
Location : Ghanzi
Event : Phuthego
Date : 26 Sep 2024