Bakwena ba tla ipelela buiposo kwa Ntsweng
26 Sep 2024
Bakwena ba lalediwa go tla go ipelela boipuso jwa dingwaga tse masome matlhano le boferabobedi (58) lefatshe la Botswana le ntse le ipusa ko Ntsweng, kwa go MmaKgosi.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, modulasetilo wa komiti ya boipuso Rre Tlamelo Letlole a re ipelo ya boipuso jwa ngwaga ono e kgethegile thata ka jaana Bakwena ba ya go ipelela boipuso ka go gakologelwa Kgosi Sechele I yo o ba tliseditseng boipuso ka go fenya ntwa ya Dimawe.
A re ka jalo go maleba gore Bakwena ba tlhaloganye boleng le botlhokwa jwa go ipela ka ngwao ya bone le go itse ditso tsa boipuso jwa bone.
A re ka ketelelo pele ya ga Kgosi Sechele I wa Bakwena, a na le merafe e mengwe jaaka Bangweketse, Bahurutshe, Batlokwa, Barolong le Bakgatla ba ne ba fenya maburu ka ngwaga wa 1852 go ya go 1853.
Rre Letlole a re ka jalo Bakwena ba tshwanetse ba tle ko ga MmaKgosi go tla go itumela mmogo le go ja dijo tsa Setswana.
O ne a supa fa boipuso jwa ngwaga ono bo ya go remelela mo go tlotlomatseng puo ya Setswana gore ba tle ba itse fa puo ya bone e le botlhokwa fela thata.
A re go ikgantsha ka puo ya sekgoa ga se gone, ka Motswana a na le puo e a itsegeng ka yone mme e bile gona le dipuo tse dingwe tsa merafe ya Batswana tse di tshwanetseng go tlotlomadiwa.
Rre Letlole a re Bakwena ba na le kapari ya bone e ba tswanetseng go ipela ka yone mme ka jalo ba ya go tlotlomatsa leteise la ga Mma Tumagole (le le tlwaelesegileng ka basadi botlhe), le le kayang bomme ba Bakwena.
Ka jalo, o ba rotloeditse go tla ba kgabile ka lone gore go nne gontle fela thata mme ebile Kgosi Kgolo Kgari III o ya go fa molaetsa wa letsatsi leo.
A re letsatsi leo, le ya go natefisiwa ke ditlhopha tsa mmino wa setso le baboki jaaka Dipela tsa ga Kobokwe, Kwena Madiba, Ditiro Leero, Tshumu, MmaAusi, Moroka Moreri le ba bangwe.
O ne a supa fa dikgoro di ya go bulwa ka nako ya boferabobedi mo mosong mme tiro yone e tla simolola ka nako ya lesome fa Kgosi Kgari III a fa molaetsa, mme morago molaodi wa kgaolo a bale molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.
Rre Letlole a re Bakwena le Batswana ka kakaretso ba lalediwa go tla go ipela mmogo mme go tsenwa mahala mme morago go ya go nna le dijo go itumelela letsatsi leo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : Molepolole
Event : Potsolotso
Date : 26 Sep 2024