Breaking News

Ba lebogela go rurifadiwa ga metsana

25 Sep 2024

Banni ba metsana ya Etsha 2-3, Etsha 4-5 le Etsha 7-9 ba lebogetse go rurifadiwa ga metsana eo go nna bontlha bongwe jwa metse ya Etsha 1 le Etsha 6.

Banni ba supile boitumelo mo phuthegong ya kgotla e e neng e buisiwa ke molaodi wa Okavango, Rre William Keareng  go rolela banni bao tshwetso eo e e tserweng ke puso ka Lwetse a le masome a mabedi le bone.

Rre Keareng o tlhalositse fa puso e tsere tshwetso ya gore metsana ya Etsha 4, 5, 7, 8, 9 e nne dikgotla tse di rurifaditsweng tsa motse wa Etsha 6, a re seo se tlaa thusa banni gore ba bone ditlamelo tse di neng di saletse kwa morago.

O supile fa tshwetso eo e tserwe ka nako e e siameng go santse go dirwa moalo wa ditogamaano tsa setshaba (National Development Plan 12) ka jalo a re ba tlaa tsaya megopolo ya banni gore le bone ba akarediwe.

Rre Keareng a re go a itumedisa go bo maphata le makalana mangwe a puso a setse a gatetse pele ka go isa ditlamelo kwa dikgotleng tseo.

Modulasetilo wa lekgotlana la kabo ditsha la Gumare, Mme Esther Ditshego o ne a re go rurifadiwa ga dikgotla tseo go raya gore ba kabo ditsha ba ya go simolola go kwadisa ka fa molaong ditsha tsa banni bao gore ba kgone go nna le ditlankana tsa ditsha go ka akola ditlamelo di tshwana le metsi le motlakase.

Mme Ditshego o supile fa lekgotlana leo la kabo ditsha le sale le tsere dipalo tsa banni ba dikgotlana tseo le go dira mealo go simolola ka 2019 go fitlha ka 2022.

Mothusa mokwaledi wa khansele ya Okavango, Rre Losika Kula o ne a re go lemogwa ga dikgotlana tseo go tlaa thusa banni gore ba akole ditlamelo di tshwana lenaneo la go tsenyediwa motlakase mahala, a re le dikoloi tsa setshaba di tshwanetse go ka tsamaya mo mafelong a bone.

Rre Kula o ne gape a re ditlamelo di tshwana dikole di tlaa ba fitlhelela fa dipalo tsa bone di letla.

E rile a akgela, Rre Sekwenja Mate o ne a lebogela go rurifadiwa fa dikgotlana tseo, a re go tlaa thusa gore banni ba bone ditlamelo tse di neng di saletse morago.

Monni yo mongwe, Rre Mavaya Kayambitha o ne a re ke boitumelo go bo dikgotlana tseo di lemogilwe.

Metsana e mengwe e e lemogilweng mo kgaolong ya Okavango ke wa Mohembo East go nna motse, motsana wa Mowana go nna kgotla mo Sepopa, motsana wa Leqwaa go nna kgotla mo Nxamasere, fa Etsha 2 le 3 e le dikgotla mo Etsha 1 mme Etsha 10, 11 le 12 e le dikgotla mo Etsha 13. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kedirebofe Pelontle

Location : Gumare

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Sep 2024