Breaking News

Meletlo ya boipuso e e tlaa nna pharologano

25 Sep 2024

Merafe ka go farologana e tshwere  ka natla go ipaakanyetsa moletlo wa boipuso jwa bo masome matlhano le boroba bobedi.

Kwa Khuis mo kgaolong ya Kgalagadi Borwa, Kgosi Bothata Botsheleng  a re dipaakanyetso tsa boipuso di tsweletse sentle, a tlhalosa fa maikaelelo e le go  keteka ka tsela e e pharologano go na le jwa ngogola.

A re ipelelo boipuso e e pharologano ke tsela nngwe ya go tsamaelana le lenaneo la ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi la go rotloetsa setshaba go fetola maikutlo le dikakanyo.

Kgosi Botsheleng o tlhalositse gore mosepele wa go ipela o simolotse ka dikgaisano tsa Mmabontle wa Boipuso, dikgaisano tsa moopelo wa dikhwaere.

A re tsholofelo ke gore ka letsatsi la Boipuso, morafe o phuthege kwa kgotleng go tla go rolelwa melaetsa e farologanyeng, e itebagantse le go fetola maikutlo.

Kwa Tsabong, Kgosi David Toto ll a re maikaelelo ke go fetola selebego sa moletlo wa Boipuso. A re sengwe sa tse di tla dirwang go natefisa letsatsi ke moopelo wa dikhwaere.

Kgosi Toto ll a re o lemogile gore mo dingwageng tse di fetileng, morafe o ntse o le maoto a tshupa go tsena meletlo ya boipuso.

Ka jalo a re go botlhokwa go natefisa letsatsi le ka mmino jaaka e e rategang bobe mo kgaolong eo wa Nama Staap, Polka le dikhwaere.

O supile gore morago ga go tsaya  molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa kgotleng morafe o tlaa tsweledisa ipelelo kwa dikgotlaneng tsa bone.

Kgosi Toto II a re letsatsi la boipuso le botlhokwa mo ditsong tsa lefatshe, ka jalo tsholofelo ke gore go ketekwe ka tlotlo, kagiso le botho jo bo eletsegang.

Ka jalo, Kgosi Toto II o gakolotse moraf go ikgapha mo go tse di duleng mo tseleng mme ba itumele le go ipela ka boikarabelo. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Catherine Simane

Location : Tsabong

Event : Phuthego ya Kgotla

Date : 25 Sep 2024