Lenaneo le ntsha maduo-Mmusi
25 Sep 2024
Lenaneo la kamogelo ya badira melato ba pele kwa setshabeng le tsweletse, mme tsholofelo ke gore le ka thusa go tsisa kagiso mo metseng lefatshe ka kakaretso.
Se se builwe ke Tona wa Itshireletso le Thokgamo Rre Kagiso Mmusi jaaka a ne a kopane le ba Lephata la tsa Dikgolegelo kwa Mahalapye bosheng.
A re lenaneo le, le simolodisitswe morago ga go lemoga gore setshaba ga se amogele sentle batho ba ba tswang kgolegelong, ka jalo bangwe ba felela ba raelesega go dira melato gape.
Rre Mmusi a re fa e sale lenaneo le simolodisiwa ka October 2021, ba setse ba kgonne go tlhama dikomiti di le makgolo a matlhano le lesome le boraro (513) mo lefatsheng lotlhe, mme dikomiti tse di setse di amogetse badira melato ba pele ba le sekete le lekgolo le masome mabedi le boraro (1123).
A re, mo palong e, ba le lekgolo le masome a roba bobedi le bofera bongwe (189) ba kgonne go bona mebereko go itshetsa le ba malwapa a bone. Ka maswabi, Tona Mmusi o tlhalositse fa ba le masome a mabedi le boferabobedi (28) ba dirile melato gape.
A re mo dipalong tse, katlego ya lenaneo e supa 97.6 per cent. Mo maitekong a go nonotsha, go ngoka le go oketsa seabe sa ba-tsaya-karolo mo go bopeng sesha badira melato, le go abelana megopolo ka tokafatso ya lenaneo, lephata le ne la ba tshwara phuthego ee faphegileng go netefatsa katlego ya lenaneo le.
Tona Mmusi a re dingwe tsa dikgakololo tse di ntshitswen kwa phuthegong eo, ke go rotloetsa Lephata la Dikgolegelo go oketsa bo maitseanape ba kago ya motho go re ba tle ba tokafatse maiteko a bone a go aga motho sesha.
Ka jalo, Rre Mmusi a re lephata le ne la tsaya kgakololo eo, mme ba kopa ba puso go ba letlelela go batla bo maitsaanape ke ka moo ba kgonneng go thapa ba le lekgolo le masome a le marataro (160) e bile ba kgona go godisa mangwe a makalana le go simolodisa a mangwe.
Rre Mmusi a re nngwe ya dikatlego tse ba di boneng ke go atolosa ditirelo tsa botsogo ka go godisa lekalana le go thapa ba bongaka ba le bararo le baruti ba le lesome. A re ka Motsheganong monongwaga, ba lephata ba kopane le makgotla a sekeresete, ba ne ba dira lenaneo la go rutuntsha badira molato ba feta masome a ferabobedi (80) mo boeteledipeleng jwa sekeresete.
Rre Mmusi a re se gape e ne e le tshimolodiso ya tiragatso ya maitlamo a go tshwaraganela tiro ya go aga badira melato le ba-tsaya-karolo ba bangwe, ka maikaelelo a go nonotsha ditirelo tsa lephata. Mo godimo ga moo, Tona wa Itshireletso le Thokgamo a re go ne gape ga nna le ditshutiso tsa go re sechaba se rotloediwe go simolodisa kgodiso e e siameng ya bana kwa malwapeng le gore go nne le mafelo a tshidilo maikutlo mo sechabeng a badira melato ba pele baka nnang teng fa ba sena go tswa mo kgolegelong ba santse ba iphutha gore batle ba ipaakanyetse botshelo jwa kwa ntle.
A re tse di tlhoka ditsompelo tse di rileng le dithulaganyo tse di faphegileng, mo go tlaa tsayang nako ka go santse go ithulaganngwa. Tona o rotloeditse setshaba go thusa Lephata la Dikgolegelo go bopa badira melato sesha.
Kgosi ya Nshakazhogwe Omphile Habana a re o itswaragantse le modira molato wa pele mme o supile fa a fetogile e bile a setse a ile mo kgwebong ya ditena.
A re maikaelelo a modira molato wa pele ke go atolosa kgwebo ya gagwe gore a tle a kgone go tlhama ditiro.
Rre Habana o rotloeditse Batswana go amogela badira melato ba pele fa ba boela mo sechabeng ka bontsi bo a bo bo sena se ba nang naso mme ba tlhokana le kamogelo le thotloetso ya sechaba.
Mme Mmoniemang Olefhile o e leng modira molato wa pele e bile e le mongwe wa ba ba ba amuleng mo lenaneo le o file bopaki ka lenaneo le. A re o na le kgwebo ya thekiso ya dijo kwa Mahalapye.
Mme Olefhile a re o ithutile go le gontsi kwa kgolegelong e bile o atumalane thata le Modimo bakeng la meamuso e puso e nang le lone kwa dikgolegelong.
A re le kapei o e ithutetse koo ke ka moo a kgonneng go itirela ka diatla a supa fa a setse a na mme le babereki ba le bane kwa madirelong a gagwe.
O rotloeditse sechaba go amogela le go thusa badira molato fa ba tswa dikgolegelong ka bontsi bo tshabelelwa ke go iphitlha ba tshaba gore sechaba se tlaa ba leba ka leitlho le sele.
A re go ya kgolegelong ga se phelelo ya botshelo, a kka a kgonne tshela botshelo jo bo sha. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : MAHALAPYE
Event : Bokopano
Date : 25 Sep 2024