Batlhabani ba ga Keresete ba abela bana ba SOS kwa Serowe
24 Sep 2024
Mokgatlho wa Batlhabani ba ga Keresete, mo kerekeng ya United Congregational Church of Southern Africa (UCCSA) o abetse bana ba SOS kwa Serowe dijo le melora tse di lopileng madi a a fetang P11 500.
Mokgatlho o ne o diragatsa thomo ya Modimo, ya go thusa ba ba nang le letlhoko, go tsweledisa se ba ntseng ba se dira mo mafelong a mangwe.
Modulasetilo wa Batlhabani ba ga Keresete, Mme Ndapiwa Ntshambiwa o buile se fa ba lekotse bana ba legae la “Save Our Souls” (SOS) ka Matlhatso. Mokgatlho o, o o ka fa tlase ga boeteledipele jwa ga Reverend Sanele Dlamini, maloko a dira ditiro tsa bopelotlhomogi ba ntsha mo dipateng tsa bone.
A re ba ne ba itlhophela go thusa SOS Serowe ka 2012 ka Lwetse mme ba ntse ba tshwere ka mokgwa o le mongwe fela.
Mma Ntshambiwa o ne a re ba itlamile go thusa bana ba ka lerato, e seng gore ba a kgona.A re keletso ya bone ke go bona bana ba legae la SOS ba tshela fela jaaka bana ba bone kwa malwapeng.
A re go direla bana ba go ba fa kagiso ka ba itse gore ba a ja le go tlhapa.
A re Jeso se se, tsamaelana le potso ya ga Jeso mo lekwalong la ga Johane e e reng “bana le na le se le se jang? ” mme ba fetola ba re nnyaa.
Mme Ntshambiwa are ba itlamile go neela bana ba se ba se jang ngwaga le ngwaga ka kgwedi ya Lwetse go re bana ba ba seka ba ipona ba latlhegile.
Modulasetilo a re se ke go fa bana ba tsholofelo le tumelo ya gore ba tlaa tsoga e le sengwe mo setshabeng isago.
A re keletso ke gore ba gole ba na le boikarabelo le go boifa Modimo ka gore bana ba ba golelang mo tumelong ba gola ba le maitseo.
A re ba rapela Modimo go ba fa thata le nonofo ya gore ba kgone go godisa bana ba ba nang le boikarabelo.
Mme Ntshambiwa o ile a tswelela a supa gore bomme ba ba dira tiro e tona thata, a re mme tiro e kgonwa ke motho yo o lerato ka gore fa o sena lerato ga o kake wa kgona.
Mme Rebecca Masilo a emetse bomma bana kwa legaeng la SOS a re ba itumeletse dimpho tse ba di filweng, a re dimpho tseo di tlaa dira pharologanyo mo matshelong a bana ba.
A re e le bomma bana ba tlaa tswelela ba rapela gore Modimo a ba fe botlhale jwa go tlhokomela bana ba. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : SEROWE
Event : Kabo dimpho
Date : 24 Sep 2024