Breaking News

Baithuti ba fitlhetswe ba akgega mo ditlhomesong

24 Sep 2024

Mapodisi a Tsabong ba tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone baithuti ba le babedi ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary School (TUSS) ba fitlhetsweng ba akgega mo ditlhomesong tsa ntlo nngwe go bapa le sekole seo.

Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher David a re e ne ya re kgwedi eno e le masome mabedi ka nako ya lesome maitseboa batsadi ba ngwana wa mosetsana ba ya go ikuela fa ba sa bone ngwana wa bone morago ga go ya sekoleng phakela ebile ba setse ba tsere kgato ya go botsa ba masika mme naga e le kgologolo.

Superintendent David o ne a supa fa bangwe ba ne ba bona mo maranyaneng a Facebook go na le molaetsa o o kwadilweng “Rest in Peace” o o neng o ama mosetsanyana yoo le mosimanyana mongwe. 

A re mapodisi ba ne ba tswelela ka ditlhotlhomiso go fitlhela ba ya go fitlhela baithuti bao ba akgega mo ditlhometsong tsa ntlo nngwe ga bapa le sekole sa TUSS.

Mookamela mapodisi o boletse fa mapodisi ba ne ba ragosetsa bana bao kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa ba setse ba tlhokafetse. A re go belaesega fa ngwana wa mosimane a ne a dirisitse terata go gapa matshelo a bone boo babedi.

Supt. David a re direpa tsa bone di kwa setsidifatsing mo Tsabong mme e tlaare mo bogaufing di romelwe kwa kokelong ya Princess Marina go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tsone di santse di tsweletse.

O tlhalositse fa baswi ba tlholega mo Tsabong mme wa mosimane a ne a le dingwaga tse di lesome le boherabobedi (18) mme a ne a dira mophato wa bone fa wa mosetsana a ne a dira mophato wa boraro mme a ne a le dingwaga di le lesome le botlhano (15).

O ne a tswelela a tlhalosa fa sekole seo se tshwenya thata ka dikgang tsa botlhoka tsebe mme ebile e le mapodisi ba itemogetse seo ba bo ba tsaya kgato ya go tshwara thuto-seka-dipuisano makgetho a mabedi mo ngwageng ono go kgalema, go gakolola le gone go thusa baithuti ba ba tlhokang thuso.

Supt David a re sepodise se tswa kgakala se tshwaraganye le dikgosi le lephata la thuto mabapi le boitshwaro jo bo sa kgatlheng jwa baithuti mo sekoleng seo mme a kopa batsadi, dikereke le batsaya-karolo ba bangwe go nna le seabe mo kagong le go bopa bana ka e le bone babusi ba ka moso.

O ne a supa fa mo diemong tsa nako eno mongwe le mongwe le setshaba ka kakaretso ba tshwanelwa ke go khubama go lopa Ramasedi go tsaya taolo go emisa matlhotlhapelo a a diragalang mo lefatsheng leno. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Ditlhotlhomiso tsa mapodisi

Date : 24 Sep 2024