Tshimoyapula o amogela dimpho
24 Sep 2024
Setlhoph sa masole a Botswana se se ntseng se le mo ithutontshong kwa Paje se abetse sekole se sebotlana sa Tshimoyapula dibala makgolo di le tharo, dibuka tse di dirisiwang go ikgakolola go simolola ka mophato wa ntlha go ya go tsena ka wa bosupa mo dithutong tsotlhe le mochine o o romelang ebile o ntsifatsa dipampiri.
Ba dirile se go busetsa seriti sa bana le barutabana ba sekole ka go ne go supafala go na le letlhoko.
Fa a bua kwa moletlong wa kabo dimpho kwa Tshimoyapula bosheng morutuntshi wa class of 2024 wa sesole sa Botswana Major Stan Frank a re ba tlhophile sekole seo morago ga go lemoga fa sekole seo se ise se akole sepe go tswa kwa go bone ntswa se na le letlhoko le letona.
A re ba aba ngwaga le ngwaga fa ba wetsa ithutuntsho ya bone ba abele sekole se se abong se supile letlhoko la bone.
A re ba dira jaana ba ntsha madi mo dipateng tsa bone, a re mo tirong ya bone ya go thusa sekole sa Tshimoyapula ba ne ba dumelana le baithuti go ntsha P1 000 tlhogo ya moithuti.
A re baithuti ba ne ba le lekgolo 118, mme ga ba ise ba ba swabise ka ba ne ba tshwaraganela tiro e ntle e le bone go fitlhelela e wela.
Major Frank a re dimpho tse e le ba sesole ba solofela gore di tlaa fetola maduo a sekole seo le go ba fokoletsa mosepele wa go kopa thuso kwa maphateng a mangwe kwa Serowe.
A re jaaka e le ba tlhokomedi ba setshaba ba tshwanetse go thusa fa ba bonang go tlhaela teng.
O ne a tswelela a kopa botsamaisi jwa sekole go tlhokomela dimpho tseo gore di ba sologele molemo go ya pele.
Fa a tswa la gagwe mogokgo wa sekole sa Tshimoyapula Mme Dikabelo Ketshabile o ne a solofetsa cadets officers of 2024 gore ga ba na go ba swabisa, a re ba tlaa tlhokomela dimpho tsa bone thata,
O ne a tlatsa ka gore di tlaa ba thusa go dira dipatlisiso e le barutabana le bana jaaka gompieno sengwe le sengwe e le se se batlang kitso ya maranyane
A re seo se tlaa fetola maduo a bone thata, a tswelela a ba kopa gore ba tswelele go ba ema nokeng isago fa batlhoka thuso. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Chendzimu Themba
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Moletlo wa kabo dimpho
Date : 24 Sep 2024