Breaking News

Mapodisi a tlhotlhomisa dintsho tsa baithuti

23 Sep 2024

Mapodisi a Tsabong a tlhotlhomisa tiragalo e mo go yone baithuti ba le babedi (mosetsana le mosimane) ba sekole se segolwane sa Tsabong Unified Secondary ba fitlhetsweng ba akgega mo ditlhomesong tsa ntlo nngwe go bapa le sekole seo.

Go ya ka mookamela mapodisi a Tsabong Superintendent Christopher David o ne a tlhalosa fa e ne ya re ka Labotlhano bosigo batsadi ba ngwana wa mosetsana ba ya go ikuela fa ba sa bone ngwana wa bone morago ga go ya sekoleng.

Supt David o ne a supa fa bangwe ba ne ba bona mo maranyaneng a Facebook go na le molaetsa o o kwadilweng “Rest in Peace” o o neng o ama mosetsanyana yoo le mosimanyana mongwe.

O boletse fa mapodisi ba ne ba tswelela ka ditlhotlhomiso mme ba fitlhela baithuti boo babedi ba akgega mo ditlhomesong tsa ntlo nngwe go ga bapa le sekole.

Supt David o boletse fa ba ne ba ba ragosetsa kwa kokelong ya Tsabong kwa ba bongaka ba fetileng ba tlhomamisa fa ba setse ba tlhokafetse.

O boletse fa go belaesega fa wa mosimane a ne a dirisa terata go gapa matshelo a bone.

A re direpa di mo setsidifatsing mo Tsabong mme e tlaa re mo bogaufing di romelwe kwa kokelong ya Princess Marina go ya go tlhatlhobiwa ke ba bongaka fa ditlhotlhomiso tsa mapodise le tsone di santse di tsweletse.

Supt David o tlhalositse fa baswi ba tlholega mo Tsabong mme wa mosimane a ne a  le dingwaga tse di lesome le boferabobedi mme a ne a dira mophato wa bone fa wa mosetsana a ne a dira mophato wa boraro mme a ne a le dingwaga di le lesome le botlhano.

Mabapi le tiragalo eo o  ne a tswelela ka go tlhalosa fa sekole seo se tshwenya thata ka dikgang tsa botlhoka tsebe mme ebile mapodisi a itemogetse seo ba bo ba tsaya kgato ya go tshwara dithuto-seka-dipuisano makgetho a mabedi mo ngwageng ono, maikaelelo e le go kgalema le go gakolola.

Supt David o ne a supa fa gape ba tswa kgakala ba tshwaraganye le dikgosi le ba lephata la thuto mabapi le boitshwaro jo bo sa kgatlhiseng jwa baithuti ba sekole seo mme a kopa batsadi, dikereke le batsaya karolo ba bangwe  go nna le seabe mo kagong le go aga bana sesha ka e le bone babusi ba lefatshe leno ba ka moso. Bokhutlo

 

 

Source : BOPA

Author : Calviniah Kgautlhe

Location : TSABONG

Event : Potsolotso

Date : 23 Sep 2024