Breaking News

Mogolwane wa sepodisi o akgola maikaelelo a go lwantsha kgokgontsho

23 Sep 2024

Lephata la Building works Development and Maintenance kwa Palapye le akgoletswe go supa maikaelelo a go lwantsha kgokgontsho ya bong.

Divisional Commander North Central Rre Peter Gochela o ba akgotse kwa moletlong wa tsa Boitekanelo le peo ya kgosi ya lephata leo bosheng.

Rre Gochela a re sepodisi le lefatshe ka kakaretso ba tshwenngwa ke kgang ya kgokgontsho ya bong e e kwa godimo. 

A re bomme le bana ba tshelela mo letshogong  le poifo, a kaya fa borre  ka nako e ntsi  e le bone bakgokgontshi.

Rre Gochela a re o dumela gore moono wa  kgotla ya lekgotla la Borre le peo ya kgosi e le kgatelopele a tlhalosa gore fa ba ka o tsaya ka tlhwaafalo o ka tsisa maduo.

A re e le ba sepodisi ba na le methale e ba e dirisang go lwantsha borukutlhi ga mmogo le go netefatsa pabalesego ya setshaba ba dira se, ba tshwaragane le morafe.

Rre Gochela o boletse fa setlhogo sa letsatsi sa ‘Go emisa kgokgontsho kgatlhanong le bomme e ka kgonega fa re dira mmogo gone jaana’ a re se se maleba ka jaana ntwa kgatlhanong le kgokgontsho e tlhoka ba na le seabe botlhe e bile se batla tumelo go se diragatsa.

 Rre Gochela o tlhalositse fa setlhogo se rotloetsa go bereka mmogo gore ba fenye. A kaya fa tlharabololo ya kgokgontsho e le mo go borre ka jalo a tlhalosa gore fa borre ba ema ka dinao ba buisana le go gakololana ka mathata a bone, bothata jo bo ka bepa.

O kgothaditse  borre go fetola ditlhaloganyo tsa bone go emisa kgokgontsho, le go godisa bana ba bone sentle ka ngwana a sa lebale   kana a fetogela se a se ithutileng. 

Rre Gochela a re mongwe le mongwe o na le ditshwanelo ka jalo ga go ope yo o tshwanetseng go gataka tsa yo mongwe.

A re ba itemogetse kgokgontsho e tshwana dipetelelo tsa bana ba bannye, dipolaano gareng ga tse dingwe tse di dirwang ke masika. 

A re le fa borre ba amega thata mo dikgannyeng tse le bone ba a kgokgontshiwa ka jalo a rotloetsa  gore ba bege dikgang tsa bone .

Wellness Champion yaleo go tswa Gaborone Mme Tuelo Maitseboa a re ba  dule ka maano a ka babereki ba bone ba  ne ba tshabelelwa ke dikgwetlho ka go farologana.

A re lekgotla la Borre la Men Sector le thusa Borre go phuthologa , go abelana maele, ba gakololana ka dikgang tsa botsgo le  botshelo ka kakaretso.

A re women’s Wing e thusa bomme go phuthologa ba bua le go gakololana ka dikgwetlho tsa bone.

Mme Maitseboa o ba gakolotse gore ba itlhatlhobele malwetse go itse seemo sa bone sa HIV/AIDS  le malwetse a a sa tshelanweng.

O ba  gakolotse gore ba tsee kalafi sentle ga mmogo le  go tlhalosetsa ba ba tshelang le bone ka seemo sa bone sa mogare. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Peo ya kgosi

Date : 23 Sep 2024