Breaking News

Puso e rometse dingaka le baoki go ikoketsa dithuto

23 Sep 2024

Puso e rometse dingaka le baoki ba le makgolo mararo go ya go ikoketsa dithuto go itebaganya le malwetse a a farologanyeng. 

Mothusa tona wa Botsogo Rre Sethomo Lelatisitswe o buile se mo phuthegong ya kgotla kwa Matsitama bosheng.

O tlhalositse fa morago ga bolwetse jwa COVID-19 puso e ne ya lemoga fa go le maleba go nna le dingaka le baoki ba ba ithutetseng malwetse ka go farologana.  

A re ba isitse dingaka le baoki go ba rutuntsha e le nngwe tsela ya go dira gore go nne le baitseanape ba malwetse ka go farologana go  fokotsa dipalo tsa balwetse ba ba emang lebaka go bonwa ke ngaka e e rileng le go fokotsa ditshenyegelo tsa go isa balwetse kwa mafatsheng a sele go ya go alafiwa koo, ka go sena baitseanape mo gae.

Rre Lelatisitswe a tlhalosa fa puso e simolodisitse lenaneo la go rutuntsha baithuti ba dithuto tsa bongaka kwa Mmadikole e le maitlamo a gore isago kokelwana nngwe le nngwe e bo e na le ngaka yo o berekelang mo go yone ka dinako tsotlhe.

A re mo bogompienong dingaka di santse di tlhaela, ka jalo ba thusa dikokelwana go ya ka malatsi a a beilweng.

Rre Lelatisitswe o ne a gakolola banni go tsenya letsogo mo go tlhokomeleng botsogo jwa bone, a tlatsa ka go re go botlhokwa gore motho a itshidile mmele a bo a je dijo tse di siametseng botsogo.

A re mo malatsing a gompieno malwetse a a sa tshelanweng ke one a tseelang batho botshelo ka bontsi mme a gakolola gore go botlhokwa gore batho ba nne ba etela dikokelo go itekodisa ka go ka thusa gore bolwetse bo lemogwe nako e sale teng go bona thuso ka bonako.

Mogokaganyi wa ditirelo tsa botsogo kwa Francistown le metse e e mabapi, Dr Gobusaone Morupisi o ne a re mo nakong eno o bereka ka dingaka di le lesome le bone di thusa dikokelwana di le masome mane, mme bontsi joo bo bake gore dinako tse dingwe ba seka ba kgona go ya go bona balwetse ka nako e e beilweng kwa metseng mengwe. 

A re ntswa go na le tlhaelo ba leka ka bojotlhe go tlamela balwetse ka mo go tshwanetseng.

Dr Morupisi a re ba itemogetse gore mo Matsitama go na le bana ba ba tlhaelang dikotla mme ba dirile thulaganyo ya gore ba thusiwe ka go jesediwa kwa kokelwaneng.

Modulasetilo wa komiti ya botsogo mo motseng, Mme Naiko Mokiya a re kokelwana ya bone e tlhokana le go tlhabololwa ka e santse e dirisa matlwana a boitiketso a lehuti a kopa gore ba direlwe a a dirisang metsi. 

A re se, se botlhokwa mo botsogong jwa balwetse le batho ba motse. 

A re komiti e thusana le ba botsogo go tlamela bana ba ba tlhaelang dikotla le go rotloetsa bommabana go tlhokomela bana kwa malapeng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Goitsemodimo Williams-Madzonga

Location : Matsitama

Event : Phuthego ya kgotla

Date : 23 Sep 2024