Diofisi tsa kgotla di tlaa baakanngwa
23 Sep 2024
Diofisi tsa kgotla tse di neng tsa tshubiwa ke bangwe kwa Tshimoyapula nako ya fa ba dira ditshupetso ngwaga tse pedi tse di fetileng, di tlaa baakanngwa.
Banni ba ne ba dira ditshupetso ka kgang e mosimane mongwe a neng a sa bonwe gotwe o jelwe ke mongwe mo motseng go akarediwa le rraagwe.
Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae Rre Kgotla Autlwetse o ne a tsibogela kopo ya ga kgosi Lenkagetse Keipheditse wa Tshimoyapula jaaka mo go amogeleng Tautona Dr Mokgweetsi Masisi kwa phuthegong ya kgotla bosheng, a ne a kopela banni maitshwarelo a ba a supa fa go sentse ene ka go sentse morafe wa gagwe.
Tona Autlwetse o ne a supa fa kgosi a itshwaretswe.
Go tshubiwa ga diofisi tseo go ne ga kgoreletsa banni go bona dithuso mme ba tshwanelwa ke go di latela kwa metseng e mengwe.
Rre Autlwetse a re o ne a reetsa selelo sa ga kgosi mme ya nna thomo mo go ene go sekaseka go bona gore a diofisi tseo go na le se se ka dirwang ka tsone.
A re ka Phatwe 28, o ne a romela baitseanape kwa Tshimoyapula go dira ditshekatsheko tsa go bona gore a diofisi tse di ka baakanngwa mme fa e le gore go ka baakanngwa go ka lopa bokae.
A re go supilwe fa go tlhokafala P1 million go busetsa diofisi tseo mo seemong sa tsone.
Motshwaramadi wa komiti ya ditlhabololo tsa motse mme Mmartha Bofitlha o supile fa go na le tlhaelo ya matlwana a borutelo, boroko jwa barutabana le matlo a boiteketso a bana.
Rre Autlwetse o ne a tlhalosa fa go agiwa sekole go lebilwe dipalo tsa baithuti fa sa Tshimoyapula se na le baithuti ba le 567 le matlwana a borutelo a le 18 mme tsamaiso ya thuto e bua fa dipalo tsa baithuti di le kwa tlase go ka okediwa.
A re motse wa Tshimoyapula o santse o le kgakala le go ka oketsa matlwana a borutelo.
A re matlo a barutabana ke mosepele o ba santseng ba le mo go one ka ba itse ka tlhaelo e.
Morago ga phuthego, Tautona Masisi o ne a etela mafelo a le mabedi a banni ba Tshimoyapula ba nang le keletso ya go a fetola gore e nne a bojanala.
Mafelo ao ke legaga la Bisemjenaa le go bolelwang fa Basarwa ba ne ba le dirisa go alafela teng, le la mokgatsha wa Lekobolo kwa go fitlhelwang bojang jwa betiva jo go bolelwang bo tlholega kwa India.
Fa a tlhalosa ka legaga le, Mme Ompuseditse Obonetse o ne a re go na le didirisiwa tse di farologaneng tse Basarwa ba neng ba di dirisa di tshwana le dinkgwana le tse dingwe, go bapa le legaga leo.
Mmaboipelego wa motse oo, Mme Godiramang Mpapho- Kgano o ne a tlhalosa fa morafe wa Tshimoyapula o kopile lefelo la mokgatsha wa Lekobolo kwa lephateng la kabo ditsha mme fa kopo ya bone e ka atlega ba tlaa nna le megopolo e le mentsi ya go le tlhabolola gore le kgone go tsenya madi a go tlhabolola motse.
A re ba tlaa batla mongwe wa bagwebi gore a age matlo a borobalo (hotel) mo lefelong leo gore bajanala ba kgone go le etela sentle go na le boroko.
A re bojang jo bo nnang bo le botala ka bo tshwara metsi nako e telele le diphologolo tse di farologaneng tse di tlang kwa lefelong leo ke dingwe tse di ka okang bajanala..
Mme Mpapho- Kgano a re ba setse ba kgonne go bona dikolobe tsa naga, diphala, ditholo, dinonyane ka mefuta le ditlou.
A re bojang jo bo fitlhelwang koo bo ratwa ke leruo, a supa fa lefelo leo le siametse go rua ditlhapi mme fa kopo ya bone e ka atlega ba tlaa ruela ditlhapi fa go lone.
Kgosi Keipheditse o ne a supa fa a eletsa gore dikopo tsa bone di atlege mme ditsa tlholego di tsenyetse motse madi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : TSHIMOYAPULA
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 23 Sep 2024