Mrs Botswana o leba kwa South Korea
22 Sep 2024
Sekgantshwane se se ikgapetseng maemo a ntlha mo mmabontleng wa bomme ba ba nyetsweng wa Mrs Botswana 2024/2025, Mme Oampata Mosepidi o tlaa emela lefatshe la Botswana kwa dikgaisanyong tsa Mrs Universe 2024/2025 kwa South Korea tse di tlaa simololang kgwedi e e tlang e tlhola malatsi a le mabedi go fitlha a le lesome.
Mrs Botswana o ne a ikgapele maemo a ntlha mono ka kgwedi ya Seetebosigo e rogwa go iponela phatlha kwa kgaisanyong e e tlang.
Fa a amogela sekgantshwane seo ka Laboraro, Kgosi Sekai Kgaudi wa Draihoek, kwa Mrs Botswana a tlholegang teng o tlhalositse fa Mme Mosepidi a tlotlomaditse le go tsholetsa leina la motse oo le gone go isa kwa godimo serodumo sa kgaolo ya Kgalagadi Borwa.
O supile fa sekgantshwane seo se dirile tiro e ntle thata e ba e lebogelang mme a gwetlha morafe wa Draihoek le setshaba ka kakaretso go mo ema nokeng gore a atlege kwa South Korea.
Fa a tswa la gagwe Mme Mosepidi yo o dingwaga tse 28 o ne a tlhalosa fa maikaelelo a dikgaisano tse e le go aga malwapa a motia a a nang le seriti ka seo se ka thusa mo kgodisong ya bana.
O tlhalositse fa a tlaa emelela go leba kwa South Korea ka letsatsi la Boipuso go ya go tsenelela dikgaisano tseo tse di tlaa bong di tseneletswe ke dikgantshwane di le lekgolo le lesome (110) mme tsholofelo e le go ya go tsholeletsa kwa godimo fologa ya lefatshe leno ka go gapa korone.
Mrs Botswana, yo o dirang mo komponeng nngwe ya diteemane o ne a supa fa a tlaa dira ka gotlhe go tlhomamisa gore o boela gae ka korone ka a beile tsotlhe mo go Ramasedi.
O boletse fa mo nakong ya gompieno a setse a simolodisitse tiro ya Letsibogo Foundation e ka yone a itebagantseng le dikgang tsa kgokgontsho tse gantsi di amang bana le bomme.
A re o ba thusa ka tshidilo maikutlo, ka tsa thuto ka go busetsa bana mo dikoleng le gone go thusa banana go itshimololela dikgwebo tse di potlana, go tsena mo ditirong tsa diatla le tse dingwe tse di amang botshelo.
O ne a supa fa a setse a buseditse bana ba le supa ba ba neng ba sa dira sentle mo mophatong wa botlhano ka go ba thusa ka batlhatlheledi go tswa mo malwapeng a a neng a kgokgontshitswe.
Fa a tswa la gagwe, Mmaagwe Mrs Botswana, Mme Onneile Babeile o ne a tlhalosa fa a godile a le mabogodika ka e sale a itshupile fela a le monnye gore o na le dimpho tse di farologanyeng ka a ne a rata go tsenelela bommabontle, karate, mmino, kopelo gareng ga tse dingwe.
Mme Babeile o boletse fa ka bopelokgale jo Mme Mosepidi a godileng ka jone a kgonne go tsenelela dikgaisano tsa Mrs Botswana mme a tlhomamisa gore o itlhoma kwa pele mo go ba bangwe.
O ne a leboga batsadi ba Mma Mosepidi a nyetsweng teng, kwa a tlholegang teng gammogo le monna wa gagwe yo o ileng a mo letlelela go tsenelela dikgaisano tseo mme ebile a mo eme nokeng ka nako tsotlhe selo se se supang lelwapa le le nang le kagiso le morero.
Mohumagadi wa ga Kgosi Mme Gadifele Kgaudi o ne a supa boitumelo ka jaana mmabontle a tlotlomaditse motse wa bone.
O ne a gwetlha banana ba bangwe ba motse oo go tsaya malebela mo go ene mme ba tswe mokgweng wa go inyatsa ka dilo makwati di kwatabolotswa mo go ba bangwe.
Mme Kgaudi o ne a supa fa mongwe le mongwe a na le mpho e a e neilweng ke Modimo mme ba tshwanetse go e dirisa go itshetsa le go tlhabolola matshelo a bone.
Maboipelego go tswa khanseleng ya Tsabong, Mme Kesaobaka Mathiba o ne a tlhalosa fa tiro e Mrs Botswana a ikaelelang go e direla setshaba e tlaa thusa thata mo tharabololong ya dikgang tsa kgokgontsho tse di apesitseng Kgaolo ya Tsabong kobo ka letshoba bogolo jang tse di amang bana.
Mme Mathiba o ne a tswelela ka go tlhalosa fa go aga malwapa e le selo se se botlhokwa ka bana ba kgona go gola sentle ba bulegile ditlhaloganyo le gone go atlega mo botshelong ka go itirela bokamoso jo bo eletsegang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Cathrine Simane
Location : DRAAIHOEK/TSABONG
Event : Mrs Botswana 2024/2025
Date : 22 Sep 2024