Salang tsamaiso morago go bona dituelo
22 Sep 2024
Babereki ba pele ba meepo ba rotloeditswe go sala morago tsamaiso gore ba kgone go bona dituelo tsa bone tse ba ntseng ba di letile go tswa meepong ya Afrika-Borwa.
Modulasetilo wa mokgatlho wa SADC Women in Mining Mme Nametso Ntsosa-Carr o buile se mo phuthego ya kgotla kwa Shoshong bosheng a supa fa metse yotlhe ya Botswana e kgonne go anamisetswa molaetsa o.
A re dikgotla le dikgotlana tsa metse ka go farologana di tlaa tswelela ka go gasa molaetsa le go kopana le dikomiti ka go farologana go thusa botlhe ba ba emetseng dituelo.
A re madi a teng, mme ebile bontsi jwa bagolo ba setse ba tsieditswe ntateng ya go jewa ka loleme ke ba bangwe.
Mme Ntsosa-Carr a re ope a seka a tsiediwa go ntsha madi mo pateng gotwe o ya go tseelwa madi ke ope ka ba bereka le goromente go thusa botlhe ba dituelo tsa bone di saletseng kwa morago.
Modulasetilo a tsweleka a re go tlaa tlhokana le go diriwa ditlhatlhobo tsa malwetse ka go farologana jaaka kgotlholo e tona go tlhola gore a e amana gope le pereko ya kwa meepong.
Ka jalo, o rotloetsa botlhe go dira ditlhatlhobo tseo tse mo nakong ya gompieno di dirwang kwa kokelwaneng ya Boswelakoko kwa Molepolole.
Mme Ntsosa-Carr a re dithulaganyo di a dirwa go netefatsa gore ditlhatlhobo di dirwe le mo metseng e e farologaneng ka ga se botlhe ba ba ka yang Molepolole go ya ditlhatlhobong tseo go tsweng mafelong a a kgakala.
Rre Thamsanqa Silitshena, mmueledi wa lephata la tsa pereko le selegae a re ba latedisa kwa madi ao a leng teng le go itse gore a tshwerwe ke bo mang gore a goroge mo Botswana.
A re meepo e farologanye ka go na le ya gauta le e mengwe, a re ba setse ba buile le e le merataro mme ebile e na le kemedi e e bidiwang Tshiamiso Trust.
A re ba Tshiamiso Trust ba dumalane le goromente wa Botswana gore ba tle go tlhatlhoba batho botlhe ba ba neng ba berekela meepo eo.
Rre Silitshena a re go tlaa tlhokafala gore bosupi jwa pereko ya meepo gore babereki ba, kgotsa bajaboswa ba kgone go bona thuso.
A re ba setse dikgang tse morago ka jaana bontsi bo sena bosupi mme ebile dikgang tse dingwe tse di tshwenyang e le go fetola maina nako e ba neng ba berekela meepo e, mme mo bo gompienong ba dirisa maina a sele.
A re botlhe ba ba iseng ba bone dituelo ba tsamaele kwa dikgotleng tsa metse ya bone ba tle ba kgone go kopanngwa le dikomiti tse di tlaa ba thusang go bona dituelo tsa bone.
Modulasetilo wa komiti ya babereki ba meepo ya pele ya Sefophe Rre Thomas Seleka, yo le ene e leng mmereki wa moepo wa pele o gakolotse badiri ka ene ba pele go bopa dikomiti mo metseng ya bone gore go nne bonolo go bereka mmogo go bona dituelo tsa bone kwa meepong e ba berekileng mo go yone.
A re lekgotla le a le eteletseng pele, bomme ba setse ba kwadisitse maina a banna ba bone ba ba berekileng meepo mme go setse bana e le bone ba ikanang gore ba kgone go bona dituelo tsa borraabone.
Rre Seleka o gakolotse gore metse fa e na le dikomiti go nna bonolo go nna le kemedi e e tlaa ba emelang mo dipuisanong le goromente go na le go tsamaya ka bongwe ka bongwe go thusiwa.
A re tsamaiso e simololwa pele ka go kwadisa maina a babereki ba pele gotlhe le bajaboswa, go tsweng foo go iwe ditlhatlhobong mme morago dipampiri tsa bongaka gotlhe le masupi a mangwe a isiwe kwa go tshwanetseng go bona dituelo.
A re ga go na ope yo o tshwanetseng go tseelwa ka fa thoko, ka jalo a ba gakolola go hema go jewe ntsoma ke bangwe ba ba nang le mowa wa tsietso.
Rre Seleka a re ke ka moo ba setseng ba emetse Rre Silitshena le Mme Ntsosa-Carr gore ba ntshe molaetsa wa go bula dipolokelo ka bontsi jwa bone ba setse ba isitse tse di tlhokafalang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Victoria Kesimolotse
Location : SHOSHONG
Event : Phuthego ya kgotla
Date : 22 Sep 2024