Breaking News

Lephata la dikago le tlhoma Tlhabologo kgosi

17 Sep 2024

Ba Lephata la Building Works Development and Maintenance (BWDM) mo Palapye ba tlhomile Rre Leaitse Tlhabologo go nna Kgosi ya bone.

Fa a bua ko tirong ya go tlhomamisa Rre Tlhabologo, Kgosi Boretetse Ketlogetswe  wa kgotla ya Madiba mo Palapye o ne a tlhalosa fa  tiro ya kgosi e le go etelela batho pele ka lerato le kagiso.

A re moono wa lephata la BWDM o botlhokwa ka jaana dikgang tsa bone di tlaa rarabololwa  mo lephateng.

A  re tiro ya kgosi ke go aga, go ruta le go goga batho, ka jalo a tlhalosa fa e batla bopelotelele le boineelo.

Kgosi Ketlogetswe a re  kgosi ga a gogele kwa thoko mme o a  tlhamalala  e bile ga a tseye letlhakore.

O gakolotse Rre Tlhabologo gore o ka kgona tiro ya gagwe fa a  tshwaragane le borrangwanagwe kgosi le morafe wa gagwe mo tirong ka ke bone bagakolodi ba gagwe.

Mo go tse dingwe o gakolotse borre go tsaya lekgotla la bone la Men’s Sector ka tlhoafalo ka ke ko ba ipuang teng ba le nosi ba rutana ka dikgwetlho tsa botshelo.

Kgosi Ketlogetswe a re go le gantsi borre ga ba bue mathata a bone mme ba feletse ba tsaya ditshwetso tse e seng tsone.

A re nako e ntsi go buiwa ka botlhoka tsebe jwa bana,  go sa  lebelelwe boitsholo jwa batsadi ba bone, a tlhalosa fa batsadi bangwe ba tlhoka maitseo fa pele ga bana.

Kgosi Ketlogetswe a re puso e tshwenyegile ke kgokgontsho ya bong e e amang bomme le bana, mme a kopa borre gore ba fetoge.

A re o solofela gore Rre Tlhabologo o tla dirisa kgotla ya BWDM go aga borre ba lephata, go bua kgang tsa bone ba gakololana ba kgothatsana.

Fa amogela thomo, Rre Tlhabologo yo jaanong a itsweng jaaka Kgosi Tlhabologo o ne a leboga badiri ka ene go bo ba nnile  le tshepho mo go ene. 

A re o dumela gore go na le se ba se bonang mo go ene ka jalo a ba solofetsa gore ga a kitla a ba swabisa ka gope.

Kgosi Tlhabologo o kopile borre gore ba fetole dikakanyo, boitsholo le mekgwa, ba itirele leina le lentle.

Mogolwane wa Lephata la BWDM, Rre Moikotlhai  Kelailwe  a re peo ya kgosi ya lephata e tlaa ba thusa go dirisa kgotla ya borre go rarabolola dikgang tsa bone.

A re go baya kgosi go tlaa ba kgontsha go ya pele, go fokotsa kgokgontsho mme ba nne mo lefelong la tiro lele siametseng botlhe. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Palapye

Event : Tlhomo ya kgosi

Date : 17 Sep 2024