Breaking News

Zwenshambe JSS e kokoanya madi a kabo dimpho

17 Sep 2024

Sekole se segolwane sa Zwenshambe kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba se thinkgetse go kokoanya madi go baakanyetsa moletlo wa kabo dimpho wa monongwaga.

Tiro e e solofetswe go tshwarwa kgwedi eno e le masome mabedi.   

Tebang le go baakanyetsa tiro e, e ne ya re kgwedi eno e le lesome le bone baithuti le bodiredi jwa sekolo ba bo ba le mo mogwantong o o duelelwang wa dikhilomethara tse di lesome go leka go kokoanya madi a a tla ba thusang go fitlhelela maikemisetso a bone.

Fa a ntsha la gagwe kwa bokhutlong jwa mosepele, tautona wa lekgotla la babereki la Botswana Public Employees Union (BOPEU), Mme Masego Mogwera yo e neng e le mogwanti mogolo, a gwetlha baithuti go dirisa sentle sebaka se ba se filweng sa go ithuta.

Mme Mogwera a re ba tshwanetse ba se dirisa ka natla mo dithutong tsa bone, e le tsela ya go ya kwa dikolong tse dikgolwane le go gatela pele mo botshelong.

A re go mo maruding a bone go ipetlela tsela ya botshelo.

O ba kgothaditse go loma molomo wa tlatse mo dithutong le mo metshamekong. 

Mme Mogwera a re ga go pale sepe gore le bone ba tsoge kamoso ba tshela matshelo a a elediwang ke botlhe, ka jalo a re ke nako ya gore ba betle tsela.

A re ba tshwanetse ba tsaya thuto ka tlhoafalo, ba tlhaloganye fa e na le nonofo ya go ba thusa go lwantsha lehuma, boitlhobogo le letlhoko la mebereko.

O tsweletse a ba kopa go ikgapha mo mekgweng e e ka phirimisang ditoro tsa bone jaaka tiriso ya ditagi le yotlhe mekgwa e e duleng mo tseleng.

Mme Mogwera a re ditagi ga di na bokamoso, ka jalo go ikgapha mo go tsone go ka ba thusa gore ba fitlhelele dikeletso tsa bone.  

A re bokamoso jwa bone bo mo diatleng tsa bone.

Fa a lebisa mafoko kwa boeteledipeleng jwa sekolo, barutabana le setshaba ka kakaretso, Mme Mogwera o ba gwetlhile go dira ka gotlhe gore sekolo e nne lefelo le le babalesegileng mo baithuting, segolo bogolo ba basetsana.

Lekgotla la BOPEU le ntshitse dikete di le tlhano tsa dipula go rotloetsa maiteko a a dirwang ke sekolo go kokoanya madi.

Mme Mogwera o rotloeditse tiro eo, ka go reka dimonamone ka go farologana, le tse dingwe tse tsotlhe di lopileng sekete le makgolo a le matlhano a dipula.

Mogokgo wa Zwenshambe JSS, Rre Christopher Nzwaligwa a re sekolo seo se na le baithuti ba le makgolo a marataro le badiredi ba le masome a ferabobedi le boferabobedi.

Rre Nzwaligwa a re go botlhokwa go bona makgotla le batho ka bongwe ka bongwe ba rotloetsa maiteko a a dirwang ke sekolo.

A re go tshwara mogwanto go botlhokwa, ka maikaelelo e le go kokoanya madi a a tlaa thusang go rulaganya moletlo wa go lemoga, go tlotlomatsa le go rotloetsa baithuti ba ba dirang sentle mo dithutong tsa bone.

O supile gape gore mogwanto ke itshidilo mmele, ka jalo e le tsela ya go rotloetsa botsogo.

Mme Shirley Ferguson-Nkele, yo o neng a eteletse tiro ya go rulaganya mogwanto a re sekolo se aperwe ke tlhaelo ya ditsompelo ka go farologana jaaka motshine o o ntsifatsang dipampiri, ka jalo a ikuela mo lekgotleng la babereki la BOPEU le makalana a mangwe go ba tswa thuso fa ba ka kgonang teng.

Mo pakeng eno ya ngwaga, go tlwaelesegile gore dikolo ka go farologana di tshegetse meletlo ya kabo dimpho go lemoga baithuti ba ba ntseng ba dira ka thata mo dithutong tsa bone.

Se ke tsela nngwe ya go leka go ba lebogela go dira ka natla le go ba rotloetsa go tswelela ba ntsha maduo a a nametsang. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Masego Tabengwa

Location : Zwenshambe

Event : Paakanyetso tiro ya kabo dimpho

Date : 17 Sep 2024