Kabo dimpho e rotloetsa katlego maduo
16 Sep 2024
Go tshwaraganela thuto ga bana, batsadi le barutabana konokono ka seo se thusa go sedimosa tse moithuti a se tlhokang go atlega mo dithutong.
Mogokgo wa sekole se segolwane sa Pitikwe kwa Lobatse, Mme Matilda Matlhare o buile se ka letsatsi la kabo dimpho ka Labotlhano le bokao jwa lone e neng e le go lemoga le go rotloetsa baithuti le bodiredi jo bo dirileng ka natla, go rotloetsa katlego.
A leboga komiti ya batsadi le barutabana e e dirileng bontle, ka go reka motshine o o ntsifatsang dipampiri, selo se a reng se tlaa ba tlhogofaletsa tiro ka nako ya ditlhatlhobo.
Mme Matlhare o ne a re komiti e, e rekile ditilo di le masome a marataro. Sebui sa tlotla, moetelediepele wa BOCONGO, Mme Kagiso Molatlhwa o boleletse baithuti fa mongwe le mongwe a na le talente e a tshwaneteng go e tlhagolela gore e gole.
A re nako e, ke yone e e maleba gore ba tseye ditshwetso ka matshelo a bone gore ba batla eng fa ba fetsa dithuto tsa bone.
Mme Molatlhwa a re dikatlego tsa bone di mo diatleng tsa bone ka motho a tshwanetse go roba se a se jwetseng.
A kopa baithuti go itse gore ditshwetso tse ba ditsayang ke tsone tse di tlaa ba bulelang dikgoro isago. A re go botlhokwa go nna le lenaneo le ba dirang ditiro le dithuto tsa bone ka teng fa batsadi le barutabana, tiro ya bone e le go ruta le go rotloetsa.
Moithuti wa sekole seo, wa pele yo gape e leng mosimolodisi wa madirelo a Tile Mate kwa Lobatse, Rre Tumelo Sedirwa o kgothaditse baithuti go tsaya ditshwetso tse di maleba le go tsepama mo dithutong ka thuto e tlaa ba bulela dikgoro tsa katlego mo botshelonmg.
Moithuti wa lokwalo lwa boraro yo o gaisitseng baithuti botlhe, Rethabile Otsweleng a kgothaditse baithuti ba bangwe gore ba dirise mananeo a a ka ba thusang gore ba dire sentle mo dithutong tsa bone.
A re ba ikitse gore ke bomang ba batla eng ka gore moithuti o tshwanetse go dumela mo go e ne gore o na le bokgoni a bo a ithuta a bereka ka natla. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Grace Sebape
Location : Lobatse
Event : Kabo dimpho
Date : 16 Sep 2024