Go sala morago tlhomagano ya bogosi go botlhokwa-Kgosi
16 Sep 2024
Go botlhokwa gore merafe e sale morago tlhomagano ya bogosi jwa metse ya bone go itsa go timelelwa ke motlhala mo go ka tsalang dikgogakgogano.
Kgosi Bokamoso Radipitse wa Tonota o tshwaetse se, fa a bula semmuso leobo la kgotla ya motse wa Gungwe kwa Bokone Botlhaba, ka Labotlhano.
Jaaka maobo a dikgotla tsa metse e mengwe ya kgaolo eo, leobo la Gungwe le agilwe ka madi a a tswang mo letloleng la Constituency Community Programme (CCP), a a kanang ka P389 645 00.
Le fa gontse jalo, o kaile fa bogosi jwa metse ya kgaolo ya Bokone Botlhaba ka bontsi bo le motlhofo go ka salwa morago, segolo jang ka bontsi jwa magosi a bidiwa ka maina a metse ya one.
Go sale foo, Kgosi Radipitse o ne a supa fa Kgosi ya motse wa Gungwe a ise a nne mo maemong a go kwala ditsheko ka fa molaong, a re mme go ya ka kopo e e setseng e dirilwe kwa lephateng la Dikgaolo le Tlhabololo Magae, le ene o dumela Gungwe a godile go ka tsholediwa go beiwa mo seemong sa go kwala ditsheko.
A re Batswana ba tshwanetse ba tlhaloganya gore seru se se kileng sa tlhasela sa bolwetse jwa COVID-19, se ne sa phutlhamisa itsholelo ya mafatshe go akarediwa le ya lefatshe leno, selo se a boletseng se ne sa baka manokonoko a tlhaelo ya madi.
Kgosi Radipitse a re seo gape se ne sa baka ketsaetsego mo thulaganyong ya ditogamaano tsa ditlhabololo, a tlatsa ka gore ka bonya ka bonya manokonoko ao, a a apoga, a re o na le tumelo ya gore kopo ya go tsholediwa ga kgotla ya Gungwe e tla diragadiwa mo tsamaong ya nako.
Kgosi Radipitse a gwetlha morafe wa Gungwe go somarela kago eo, a re ba dibele bontle le boleng jwa yone gore ba kgone go e sola molemo.
A supa fa a le motlotlo go bo ba Gungwe ba ne ba mo supa ka monwana go tla go kopanela tiro eo, ya go ipelela pulo semmuso ya leobo la bone.
Fa a latlhela tlhware legonnyana, Kgosi Maruje III wa Masunga o ne a akgola mokwaledi wa makgotla a Setswana mo kgaolong ya Bokone Botlhaba, Rre Badiredi Olerile le badiri ka ene mo tirong e ntle e ba e dirang go netefatsa gore meletlo ya pulo semmuso ya maobo a kgaolo eo, e tsamaya ka thelelo.
Mokhanselara wa kgaolwana ya ZWEGAGU, Rre Never Mabutho le modulasetilo wa komiti e e neng e rulaganyetsa tiro eo, Rre Jabavu Makafiri ba ne ba akgola morafe wa Gungwe ka go itirela tiro e ntle, ka mowa wa boithaopo le boipelego, ba bo ba leboga botlhe ba ba ba duleng mokgosi mo tirong eo.
Rre Mabutho o supile fa maobo ao, e le tsela nngwe ya go fa magosi seriti se se ba tshwanetseng, a bolela fa bogosi e le jone motheo wa lefatshe leno.
Tiro ya kago ya leobo leo, e ne e dirwa ke ngwana wa Gungwe, Rre Keotsenye Ndoda, e le go diragatsa maitlamo a puso a go rotloetsa gore bana ba ba rutetsweng ditiro tsa diatla ka go farologana, go abelwa ditiro go leka go ba nonotsha le go ba ntsha mo lehumeng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : Gungwe
Event : Pulo semmuso
Date : 16 Sep 2024